Breaking News

Ba Tumasera le Seleka ba lela ka tlhaelo ya metsi

29 Jan 2024

Banni ba metse ya Tumasera le Seleka ba re ba tshwenngwa ke dituelo tse di kwa godimo ntswa go na le tlhaelo ya metsi kwa metseng ya bone.

Banni ba ne ba ntsha maikutlo a bone mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa, Dr Kesitegile Gobotswang kwa metseng eo bosheng.

Ba boletse fa ba ne ba solofediwa gore kgang ya tlhaelo ya metsi e tlaa nna selo sa maloba fa lenaneo la go goga metsi go tswa Mahalapye le wela, mme nako kgolo ke eno ka jaana metsi a tsweletse ka go rotha mo metseng ya bone.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa koporase ya metsi (WUC) wa kgaolo ya Sefhare, Rre Simon Sentsho o ne a tlhalosa fa metsi a ne a seka a kgona go goroga kwa metseng eo ka ntlha ya tlhaelo ya madi. 

Le fa go ntse jalo, Rre Sentsho o boletse fa go ne ga gokelwa metsi a a yang kwa metseng eo mo diphaepheng tse di kgologolo ke ka moo metsi a tsenang a le kwa tlase.

A re fa madi a ka bonala, ba tlaa gokela diphaephe tse disha le ditanka tse ditona. O boletse fa koporase e dira ka gotlhe go leka go tokafatsa seemo sa tlhaelo ka go kabakanya metsi mo motseng.

A re ba lemogile fa batho bangwe ba baya metsi ka go tsenya lethombo mo ditankeng tsa metsi ba buletse dipompo mme seo se le kotsi ka gore fa gongwe go tswa phefo pele ga metsi mme mmithara (metre) o bo o bala mme se se godise sekoloto sa metsi.

Mo go la gagwe, Dr Gobotswang o ne a supa fa lenaneo la go gogela metsi mo kgaolong e ne e le la tshoganetso mme le filwe madi a a kana P290 million e bile a sa lekana. O boleletse banni ba Tumasera le Seleka fa go tlaa batliwa madi a go dira moalo o o tlaa isang metsi kwa metseng ya bone. BOkhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Phuthego Tsa Kgotla

Date : 29 Jan 2024