Breaking News

Magosi a kopa go tlhatlhelelwa dithuto

29 Jan 2024

Maloko a ntlo ya dikgosi ba kopile ba University of  Botswana (UB)  go sekaseka mogopolo wa go tlhatlhelela dikgosi ka dithuto tse di tlaa ba nonotshang mo tirong ya bone, ka ba na le seabe se segolo mo setshabeng.

Keletso ke go rutuntshiwa mo go tsa boeteledipele, ngwao le tse dingwe, ka se seka thusa dikgosi go itse go feta ka ditso tsa bone le gone go nna baeteledipele ba tlhwatlhwa.

Kgosi ya Mosojane Kgosi Sibangani Mosojane o ne a tshwaela se ka Labone fa ba ne ba etetswe ke ba UB.

Kgosi Mosadi Seboko o ne a supa fa ba UB ba tshwere namane e tona ya tiro ka go bereka le setshaba mo ditlhotlhomisong kwa motseng wa Ramotswa.

O boletse fa  Balete ba ntse ba tshwaraganetse ditlhotlhomiso tsa bokoa jwa popelo le gone go atolosa kalafi ya teng mo Botswana

Modulasetilo wa ntlo ya dikgosi Kgosi Puso o kaile fa UB e dirile sentle  ka go atolosa gore e seka ya nna sekole sa dithuto tse dikgolo fela.

O supile fa go dira ditlhotlhomiso mo metseng e e farologanyerng kgotsa go bereka le merafe, go somarela ditsa tlholego e le tiro e kgolo e dikgosi di e amogelang.

O supile fa bokopano  joo, bona le mosola ka a dumela e le jwa sennela ruri, mme le ene a supa gore dithuto tse di ka rutwang dikgosi di na le mosola ka di ka ba ruta le gone gore ba tswelelele ba eteletse batho sentle.

Moeteledipele wa UB Professor David Norris o kaile fa bomatwetwe ba dithuto le ditlhotlhomiso ba le teng kwa sekoleng se, mme ba itumelelela gore dikgosi di tsile go ithuta ka sekole.

O ba kopile go amogela dikgakololo tsa bone go bona gore sekole se ka thusa puso jang. Professor Norris o ne a galaletsa metse e e setseng e simolotse go bereka le ba dipatlisiso  tsa mmadikole jaaka metse e tshwana le Manyana le Ramotswa

O lebogetse tirisanyo mmogo le Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana ka go tswelela a tokafatsa matshelo a morafe wa gagwe ka ditsa tlholego kwa motseng oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : GABORONE

Event : Ntlo Ya Dikgosi

Date : 29 Jan 2024