Breaking News

Tlhopho ya magosi e rontsha tshwanelo Kgosi Mbambo

29 Jan 2024

Go tlhophiwa ga dikgosi dingwe go rontsha ba ba maleba tshwanelo ya bone segolo bogolo fa go tlhamaletseng gore beng ba setilo ke bomang.

Se se builwe ke Kgosi Mutemo Mbambo wa Shakawe, kwa moletlong wa go tlhoma Kgosi Jwaxhi Maenge wa kgotla ya Mabudutsa kwa Gumare bosheng.

Kgosi Mbambo a re keletso ya gagwe ke gore ditlhopho tsa dikgosi di seka tsa letlelelwa ka dikgotlana di na le beng ba tsone ba ba itseng gore go tswa mang go bo go tsena mang ka tatelano.

A re dikgotlana ke tsone di tshwereng motse e bile ele maoto a ga kgosi ka dikgang di buelwa teng pele di ka ya kwa go moemela kgosi.

Kgosi Mbambo o ne a gakolola Kgosi Maenge gore a amogele batho ka go farologana ga bone, a tlatsa ka gore kgotla e na le morero le tsamaiso ka jalo a itshwaraganye le bagolo ba kgotlana eo.

Le fa go ntse jalo Kgosi Mbambo o ne a re kgotlana nngwe le nngwe e na le maarogi, mme a ipaakanyetse go bereka le batho ba mohuta oo. O bile gape a mo gakolola gore a se tsene mo sepolotiking le ntswa a tshwanetse go tshwara mapolotiki otlhe ka tekatekanyo.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Moitshepi Molelwa wa Gumare o ne a bolela fa bogosi e le tiro e tona ebile bo kgosi ba dikgotlana ba le botlhokwa ka e le bone ba tshwaretseng morafe. Kgosi Molelwa a re batho ba Mabudutsa ba supile tshepho mo go Kgosi Maenge gore baka mo roma go nna moeteledipele.

Fa a laya Kgosi Maenge mo boemong ja Kgosi Tawana II, Kgosi Totang Dingalo wa Shorobe one a re kgosi e tshwanetse go tlhokomela morafe ka bojotlhe jwa yone. Kgosi Dingalo o ne a kopa Kgosi Maenge go nna podimatseba ka batho baba tlang ka di kgang le dikgakolo tse di fapogileng.

Mongwe wa ditsala tsa ga Kgosi Maenge eleng Kgosi Osenotse Koloi wa Samochima, ene o ne a gakolola kgosi gore bogosi ke boikarabelo jo bo tona. O ne a kopa kgosi go tshegetsa serodumo sa bogosi le go dibela lelwapa la gagwe, morafe le motse.

Fa a amogela thomo, Kgosi Maenge o ne a lebogela dikgakololo tsotlhe mme a re o solofela fa a tlaa bereka sentle le botlhe. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Peo Ya Kgosi

Date : 29 Jan 2024