Breaking News

Therisanyo le morafe e botlhokwa-Manake

29 Jan 2024

Therisanyo le patlo maikutlo mo morafeng e botlhokwa go dirwa pele ga melao e fetolwa ka e le yone puso ya batho ka batho.

Mothusa tona wa Papadi le Madirelo Mme Beauty Manake, o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa Selebi Phikwe ka Labobedi fa a kopane le banni go sekaseka molao wa theko le thekiso ya bojalwa.

Mme Manake o tlhalositse fa molao wa theko le thekiso ya bojalwa o sale o dirilwe, mme o tlhoka go baakanngwa go itepatepanya le dikgwetlho tse bagwebi ba kopanang le tsone bogolo jang mo nakong ya gompieno e letlhoko la lefatshe le leng kwa godimo.

A re tshekatsheko ya molao, e tlhoka gore botlhe ba tseye karolo gore ba  nne le lentswe, ba seka ba iphitlhela ba beilwe ka fa mosing.

Mme Manake o tlhalositse fa bontsi ja batho ba lela ka tiego ya go abelwa diteseletso tsa go rekisa bojalwa, mme se se dirwa ke ditsamaiso tse di matswakebele tse di tlhokang gore di baakanngwe gore batho ba kgone go bona thuso ka nako.

O tlhalositse fa molao o letla gore motho o ka rekisetsa bojalwa mo sekgeleng se se sa feteng dikgato di le makgolo a matlhano go tswa kwa tseleng, mme bontsi ja dibara le mafelo a mangwe a itloso bodutu a le gaufi thata le tsela mme mo go baya bagwebi ba bangwe ka fa mosing.

O ne a re mo nakong ya gompieno, go lebega baikopedi ka bontsi ba le ka fa mosing e bile go dira gore mela ya baikopedi e nne mentsi ka mealo ya mafelo a marekisetso a bojalwa mo ditoropong e farologana le ya kwa magaeng.

A re se sengwe se se tshwenyang ke gore mo madirelong a thekiso ya bojalwa, go tshwanetse ga bo go tsentswe di dirisiwa tse di fokotsang modumo mme bontsi jwa madirelo bo sa kgone go fitlhelela se se batliwang ka ba re go turu.

Mme Manake a re go santse go tshwenya ka go na le Batswana ba ba santseng ba letlelela batswakwa go dirisa diteseleso tsa bone go bula dikgwebo tse maikaelelo a tsone e leng go ba thusa go intsha mo lehumeng.

Mo go tse dingwe, Mme Manake o ne a kgothatsa banni ba Selebi Phikwe go dirisa mananeo a a leng teng gore ba kgone go ipulela dikgwebo.

A re, toropo ya Selebi Phikwe, ke nngwe ya tse di neng tsa dirwa boremelelo jwa dikgwebo mme a ba kgothatsa go ikopanya go kopa thuso kwa maphateng a a lebaneng.

Mongwe wa bagwebi ba ba gwebang ka thekiso ya bojalwa Rre Paul Maphakwane, o ne a tlhalosa fa thulaganyo ya go bula dikgwebo mo lefatsheng e le matswakabele e bile e le turu.

Rre Maphakwane a re se,  se felela se kgoba bangwe marapo a tlhalosa fa mananeo otlhe a puso a le mantle, mathata a sa kgone go diragadiwa ka fa go tshwanetseng ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELIBE PHIKWE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 29 Jan 2024