Reatile o kopa banni go batla methale ya itshetso
28 Jan 2024
Banni ba toropo ya Jwaneng ba rotloeditswe go batla methale e e farologanyeng ya go tswakanya itsholelo.
Se se builwe ke mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa toropong eo.
O tlhalositse fa theko ya diteemane e santse e le boutsana ka jalo seemo seo se ka ama matshelo a batho ba toropo eo fa se ka kekela.
A re ere ka jaana dipego di supa fa theko ya diteemane e wetse tlase mo ngwageng o o fetileng, go botlhokwa gore batho ba epe mosele wa pula ka go inaakanya le mehama e mengwe ya itsholelo e tshwana le temo thuo go itshetsa. O tlhalositse gape gore seemo seo se amile ditsamaiso tsa meepo ya diteemane mono, ka jalo ga tlama gore meepo e fokotse seelo sa go epa diteemane. A re mo godimo ga moo, go santse go sa tlhomamisege gore ditogamaano tse di amang tshimolodiso ya katoloso ya moepo go ya kwa tlase ga lefatshe, e bontsi bo solofetseng ditiro mo go yone, di tlaa amega jang.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Reatile o ne a rotloetsa maphata a puso go fetola megopolo go tokafatsa ka fa ba isang ditlamelo kwa bathong ka teng. O ne a re go a gakgamatsa gore batsadi e be ba santse ba ngongorega gore dijo tsa bana kwa dikoleng di a diega.
O ne a kopa ba khansele le lephata la thuto go ititaya ka thupana go netefatsa gore paakanyo ya dikago mo dikoleng le go rekela bana dijo di weditswe pele ga dikole di bulwa.
Mongwe wa batsena phuthego, Rre Balosang Rakaisa o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore bagolwane ba moepo wa Jwaneng ba nne batsaa karolo mo diphuthegong tsa morafe ka jaana moepo oo ele one o belegeng itsholelo ya toropo.
A re e re ka jaana morafe wa Jwaneng o solofetse ditiro mo thulaganyo e e tlaa simolodisiwang ya go epa ka fa tlase ga lefatshe, go tshwanetse gore ba lekodisiwe le bone ba fetise dikakgelo tsa bone.
Fa a tswa la gagwe, Rre Grieven Sebate o ne a supa fa ale sebete se molangwana ka gore banni ba Jwaneng ga ba akole meamuso ya moepo ka jaana dikompone tse di fiwang ditiro di itlela ka babereki.
A re seemo sa letlhoko la ditiro kwa toropong eo se ngomola pelo, mo ba felelang ba kgobokana botlhe kwa Ipelegeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 28 Jan 2024