Breaking News

Tshwaraganelang thuto ya bana- Lesedi

28 Jan 2024

Botlhoka tsebe jwa baithuti mo dikoleng ka kakaretso bo tlhoka maiteko a batsadi, barutabana le bogogi ja metse go bo lwantsha.

Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi o tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla kwa kgotleng ya Mpaphadzi kwa Serowe bosheng.  Rre Lesedi o supile a supa fa maitsholo a eseng one a baithuti a digela maduo a dikole kwa tlase.

A re se, se felela se oketsa palo ya bana ba ba mo mebileng, phelelong go tsale borukutlhi le kgokgontsho.

Rre Lesedi a re batsadi ba tshwanetse go nna le seabe sese tona mo kgodisong ya bana ba bone, a supa jalo gore bontsi jwa batsadi ba ntse moriti o tsididi mme se, se rotloetse botlhoka tsebe.

Mopalamente o boletse fa baithuti ba inaakantse le ditagi, borukutlhi e bile ba kgokgontsha ba bangwe, gape ba senya dithoto tsa dikole.

Rre Lesedi o ne a tsibogela pego ya mogokgo wa sekole se se segolwane sa Boipelego yo gape eleng modulasetilo wa komiti ya VET, mo kgaolong ya Serowe borwa, mme Janet Kgwadi, yo o boletseng fa go na le dikgwetlho mo dikoleng mo kgaolong ya bone.

Mme Kgwadi o begile fa botlhoka tsebe mo dikoleng bo lotlhanya barutabana le batsadi, ka bangwe batsadi ba sa dumele tse bana ba bone ba di dirang tsedi fatlhang kwa sekoleng.

Mogokgo o tlhalositse fa batsadi ba sa  nne le seabe se se bonalang mo thutong ya bana ba bone gape a supa fa baithuti bao ba lwantshana ebile bangwe ba senyetsa ba bangwe.

A re gona le setlhopha mo Serowe sa banana se se ipitsang “Masharia’, se se kgokgontshang bana ba dikole.

Ditlhopha tseo di tseela baithuti, dithoto, madi. Le fa go ntse jalo, a re ba ne ba thusiwa ke ba lephata la dikgolegelo le le bapileng le sekole sa Boipelego.

O ne a phophotha  baithuti ba sekole se se botlana sa Manonnye legetla, ka se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa.

Sekole se gatisitse masome a supa le boroba bobedi mo lekgolong mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ltsa 2023. A re se ke maiteko a a tlhokang go opelwa legofi, ka sekole seo, se kgonne go tsholetsa matshwao go tswa kwa go 74 per cent ka ngwaga wa 2022, le 63 per cent ka 2021.

Mogolwane go tswa kwa lephatemg la boipelego mo khanseleng ya Serowe, mme Itumeleng Lebani, o boletse fa go papametse mo molaong wa bana gore motsadi yo ikgatholosang ngwana wa gagwe a tshwanelwa ke go otlhaiwa.

O rotloeditse batsadi botlhe go tsaya boikarabelo jwa bana ba bone, a tlhalosa fa bana ba ba sa tlhokomelesegeng ba felela ba nna dirukutlhi kgotsa bakgokgontshi mo setshabeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 28 Jan 2024