Breaking News

Mopalamente o akgola dikole tsa Selebi Phikwe

28 Jan 2024

Dikole tse di potlana tsa toropo ya Selebi Phikwe di akgoletswe go bo di tsweletse ka go dira bontle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo lwa bosupa ntswa ba lebanwe ke dikgwetho.

Katlego e go tlhalositswe e dirwa ke tshwaragano e ntle ya ba-na le seabe, batsadi le barutabana kwa toropong eo.

Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima Rre Dithapelo Keorapetse o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa kgotleng ya Kagiso kwa Selebi Phikwe bosheng. 

 Rre Keorapetse o tlhalositse fa tlhaelo ya dibuka kwa dikoleng e santse e le kgwetlho le ntswa  Lephata la Thuto e le lone le bonang seabe se setona sa madi go na le maphata a mangwe.

 Mo go tse dingwe, Rre Keorapetse o ne a supa matshwenyego mabapi le maphata mangwe a puso a a santseng a sa reke dithoto mo  Selebi Phikwe mme puso e ntshitse taelo ya gore go dirwe jalo.

O ne a re se ke sone se  se busetsang maiteko a bana ba ba itekang go dira dithoto mme di felele di sa rekwe mo go felelang ba patelesega go tswala le go kgaola badiri mo ditirong.

Le fa go ntse jalo Mopalamente o ne a lekodisa banni fa tsela ya Selebi Phikwe-Serule e tlaa tsenngwa matshwao mo ngwageng ono wa madi.

E rile a lekodisa banni ka kago ya mapalamelo a dipagamo tsa setshaba, mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe Rre Lawrence Mokotedi o ne a tlhalosa fa kago ya marekisetso e kgaogantswe ka dikarolo di le pedi e leng yone ya marekisetso le mapalamelo a dipalamo tsa setshaba ya madi a a fetang P170 million.

Rre Mokotedi o ne a tlhalosa fa go le boammaruri go tsere lebaka gore tiro e simolole ka batho ba ba neng ba supile gore ba tlaa thusa mo kagong eo ba ne ba ikgogela  morago . 

O ne a tlhalosa fa go setse go bonwe bangwe ba ba tlaa thusang mme kago ya mapalamelo a dikoloi tsa setshaba a tsweletse e bile go solofetswe gore e bo e fedile ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le boferabobedi fa kago ya marekisetso yone e tlaa simolola ka kgwedi Hirikgong mono ngwaga.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo wa kgaolo ya Kagiso/Sesame o tlhalositse fa lenaneo la tlhabololo magae le supa maduo ka ditsela di le mmalwa mo kgaolong di simolotswe  go baakanngwa mme dingwe tsa tsone di setse di fedile.

Rre Kabo Baipidi o ne gape a lebogela go okediwa ga  dipalo tsa lenaneo la Ipelegeng, a re se se tlaa thusa mo letlhokong la ditiro le ntswa go sa lekana.

 Kgosi wa kgotla ya Kagiso, Kgosi Molosiwa Molosiwa o ne a akgola banni ba toropo e go bo ba ile ba itshwara sentle ka malatsi a matsalo a morena le ngwaga o mosha. 

Kgosi Molosiwa o buile se fa a ne a amogela mopalamente yoo neng a lekodisa morafe ka tsa kwa palamenteng.

O akgoletse banni boitshwaro jo bontle ka malatso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha ka jaana kgaolo ya bone e sa gatisa dikgetsi dipe tsa bo tlhoka tsebe mme a ba kgotlhatsa  go tswelela ka go itshwara sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 28 Jan 2024