Breaking News

Kokelo e latedisa balwetsi ba loaro la matlho

28 Jan 2024

Maiteko a kokelo ya Masunga go latedisa balwetsi ba loaro la matlho  a itaya sefololetse, ka jaana ba sa kgone go tshwara balwetse bangwe ka megala.

Mogolwane wa Lephata la Botsogo la kgaolo ya Tutume, Mme Keoratile Ntshambiwa o buile jalo mo diphuthegong tsa Mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Dr Never Tshabang bosheng.

  A re bangwe ba balwetse bao ba dirilwe loaro leitlho le le lengwe, mme maiteko a go latedisa batho bao a a retela. Mme Ntshambiwa o kopile   gore   fa bangwe ba  itse bangwe ba go nna jalo ba ikgolaganye le ba kokelo ya Tutume gore ba kgone go direlwa thulaganyo ya go ka thusiwa.

Kwa Nswazwi kgosi Batshani Monyatsi o ne a re motse ga o a tsoga ke ditiragalo tsa borukutlhi bo dirwa ke batswakwa ba ba tseneng ka go sutlha molelwane ba tswa Zimbabwe.

Kgosi a re banni ga ba tshele sentle lebakeng la dirukutlhi tseo, a supa fa batho bao palo ya bone e setse e fekeetsa batho ba motse.

Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka ditshwene tse di ba senyetsang kwa masimong, ba re phologolo eo e senya mo go botlhoko ka e simolola tshimo fela morago ga go lema, e epolola dijwalo tseo.

Ba re gore ba kgone go tswa ka sengwe ke go leta letsatsi lantlha o lema o bo o ya go kgaogana le tshimo o isa thobo kwa seraleng, mme ba re seo ga se kgonagale ka ba tshogela matshelo a bone ka dirukutlhi tse di gobeya gongwe le gongwe.

Mopalamente Dr Tshabang o tlhalositse fa kgang ya batswakwa e tshwenya thata bogolo jang ba ba tswang Zimbabgwe.

A re Batswana ba na le go itlhaba ka thipa mpeng ka go thapa batho batswakwa e bile e seke ka fa molaong.

O boletse fa tharabololo ya go thibela tshologelo ya batswakwa ba ba sutlhang molelwane ba sena dipampiri tse di ba letlang go nna mono, e le go emisa go ba thapa le go ba fa boroko.

Mopalamente o ne a ba lekodisa fa madi a constituency community fund a tlaa dirisiwa go aga ditsela tse di mogae, go gokela motlakase  mo mekgwatheng le go aga metshela kgabo fela.

Mo go e e amang ditlhopho, o boletse fa lekgotla la ditlhopho (IEC) le boletse fa le itemogetse diphoso di se kaenyana tsa batho ba ba neng ba dirisa pensele go baya monwana mo dipampiring tsa ikwadiso.

A tlhalosa fa phoso eo e diragetse beke ya ntlha go simololwa go kwadisiwa ditlhopho kwa Marapong le Maitengwe. A re ba IEC ba boletse fa ba tlaa latedisa ba ba amegang go baakanya phoso eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Tebogo Masuruke

Location : NSWAZWI

Event : Phuthego ya mopalamente

Date : 28 Jan 2024