Breaking News

Ba le 105 000 ba ikwadiseditse Temo Letlotlo

28 Jan 2024

Balemi ba le 105 000 ba ikwadiseditse lenaneo la Temo Letlotlo.

 Se, se builwe ke mogokaganyi wa lenaneo la Temo Letlotlo, Rre Kwenantle Gaseitsiwe fa a lekodisa Ntlo Ya Dikgosi ka lenaneo leo bosheng.

 Rre Gaseitsiwe a re batho ba santse ba le maoto a tshupa go ikwadisetsa lenaneo leo le maikaelelo e leng go tlhomamisa go nna teng ga dijo mo malapeng le lefatshe ka bophara.

Rre Gaseitsiwe o tlhalositse fa Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga tse di lesome le boferabobedi le go fetla a letlelelwa go ikwadisa a ba a kopa Batswana go inaakanya le temo.

A  re go santse go nale metse  ee saletseng kwa morago mo  go ikwadisetseng lenaneo jaaka  Dovedale, Gobojango, Mabesekwa, Nxamasere, Ditlharapa, Beetsha le e mengwe.  

O ne a galaletsa banni ba Nkange go bo ba itlhomile kwa pele go tsaya lenaneo la Temo Letlotlo, a re ba mo moonong wa go fetola dikakanyo, le megopolo.

 Rre Gaseitsiwe o ne a tlhalosa fa temo e le botlhokwa ka jaana batho ba ka itirela dijo, ditiro le gone go ka dira kgwebo. 

A re gore mohama wa temo o tswelele go  botlhoka  o tlhoka go tlhabololwa go oketsa go ntsha dijo.

Ka jalo a re lenaneo la Temo Letlotlo le itebagantse le temo ka botlalo, le go thusa ka didirisiwa tsa temo di akaretsa dipeo, menontshane, dikadimo tsa madi, tshireletso (insurance) ya temo gammogo le go tlhabolola ditswa temong.

Mo go tse dingwe, Rre Gaseitsiwe o ne a tlhalosa fa lenananeo le itebagantse gape le go rotloetsa thata go dirisa mefuta e tlhabolotsweng ya go lema e itepatepantse le phetogo ya loapi.    

A re balemi ba ba ikwadiseditseng Temo Letlotlo ba ka thusiwa ka go adimiwa madi a paka ya temo go tswa Bankeng ya Ditlhabololo (NDB) ka morokotso o kwa tlase, go reka tsa temo jaaka dipeo, go duela digogi, le menontshane le tse dingwe.

Rre Gaseitsiwe a re go tlhomamisa go nna teng ga dijo mo malwapeng le lefatshe leno ka bophara, balemi botlhe ba ba tsayang karolo mo Temo Letlotlo, ba amogela madi a a sa feteng P2 500 ka kgwedi, ba tshwanelwa ke go ntsha kgetsi mo temeng (50kg) go isa kwa ‘tlatsa Difalana –tema ke kgetse’.

A re maikaelelo a seo ke go rotloetsa mowa wa go ipelega le go ipeela dijo, ‘re le lefatshe’. O ne gape a tlhalosa gore go dumalanwe gore Temo Letlotlo e letlelele balemi ba ba dirisang dikgomo le ditonki go lema ka tsone mo pakeng ya temo ya ngwaga wa 2023/2024 le 2024/2025 fa ba santse ba ithulaganyetsa go ya kwa temong ya diterekere. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Temo Letlotlo

Date : 28 Jan 2024