Ba rotloediwa go dira loaro la matlho
27 Jan 2024
E re ntswa Lephata la Botsogo le tlhomile kokelo ya Masunga go nna nngwe ya dikokelo tse di dirang loaro la matlho, maiteko a sepatela a itaya sefolletse ka ba sa kgone go tshwara balwetsi bangwe ka megala ya bone e sa tsene.
Bangwe ba balwetsi bao ba dirilwe loaro leitlho le le lengwe, ka jalo maiteko a go latedisa batho bao a a retela.
Mogolwane wa Lephata la Botsogo lkwa kgaolong ya Tutume, Mme Keoratile Ntshambiwa o buile jalo mo diphuthegong tsa mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Dr Never Tshabang bosheng.
O kopile batho gore fa ba itse bangwe ba go nna jalo ba ikgolaganye le ba kokelo ya Tutume gore ba kgone go direlwa thulaganyo ya go ka thusiwa.
Kwa Nswazwi, kgosi Batshani Monyatsi o ne a re motse ga o a tsoga ke ditiragalo tsa borukutlhi.
Kgosi a re banni ga ba tshele sentle lebakeng la dirukutlhi tseo.
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba lela ka ditshwene tse di ba senyetsang kwa masimong, ba re phologolo eo e senya mo go botlhoko ka e simolola tshimo fela morago ga go lema, e epolola dijwalo.
Ba re gore ba kgone go tswa ka sengwe ke go leta letsatsi lantlha o lema o bo o ya go kgaogana le tshimo o isa thobo kwa seraleng, mme ba re seo ga se kgonagale ka ba tshogela matshelo a bone mabapi le dirukutlhi tse di gobeyang gongwe le gongwe.
Mopalamente Dr Tshabang o ne a ba lekodisa fa madi a Constituency Community Fund a tlaa dirisiwa go aga ditsela tse di mo gare ga motse, go gokela motlakase mo mekgwatheng le go aga metshela kgabo fela.
Mo go e e amang ditlhopho, o boletse fa lekgotla la ditlhopho (IEC) le boletse fa le itemogetse diphoso di se kaenyana tsa batho ba ba neng ba dirisa pensele go baya monwana mo dipampiring tsa ikwadiso.
O tlhalositse fa phoso eo e diragetse beke ya ntlha go simololwa go kwadisiwa ditlhopho, e diragala kwa Marapong le kwa Maitengwe.
O boletse fa ba lekgotla la IEC ba tlhalositse fa ba tlaa latedisa ba ba amegang go baakanya phoso eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : NSWAZWI
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 27 Jan 2024