Banni ba ngongoregela dithuso tsa maphata a puso
25 Jan 2024
Banni mo kgaolong ya Serowe Bophirima ba ngongoregile ka go diega ga mapodisi fa a begelwa dikgang.
Ba ntshitse dingongorego mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo Rre Onalepelo Kedikilwe ka Laboraro.
Monni wa kgotla ya Mosenya mo Serowe Mme Tathego Charles o supile matshwenyego ka dintwa tsa banana tse a reng di feletsa di baka dintsho ka gore mapodisi a tsaya lobaka go tsibogela dipego.
Mme Charles a re ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga oo fetileng go ne ga tlhagoga ntwa ya segongwana sa banana, a re ngwana wa gagwe wa mosimane o ne a tlhokafala mo tiragalong eo.
“Ke ne ka leletsa mapodisi megala e sa arabiwe ka heletsa ke batla koloi ke ba latela. Ke na le tumelo ya gore ngwanake o kabo a tshidile fa go ne ga potlakiwa” a buwa jalo.
Mme Charles o ne gape a supa fa a sa itumelele dikarata tse di dirisiwang go reka dijo tsa ba na-le bogole.
O supile fa go ne go ka nna botoka fa ba ne ba ka neelwa madi go re ba itlhophele go re ba reka dijo kwa marekisetsong afe kana mo bathong kwa ditlhwatlhwa di seng kwa godimo.
Monni wa Basimane Rre Lekoko Kutuso o ngongoregile ka go tlhoka go phimolwa dikeledi ke ba Lephata la Diphologolo le Makgabisanaga morago ga go re dikgomo tsa gagwe di jewe ke phiri.
Rre Kutuso a re tau ene ya tlhasela dikgomo tsa gagwe ngwaga oo fetileng kwa merakeng ya Bobonong.
O tsweletse a supa go re dikgomo tse dingwe e rile di bona tiragalo eo tsa tlhaga lesaka tsa sia mme di ne tsa jewa ke phiri.
“Phimolo dikeledi e ke neng ka e bona fela e ne ele ya dikgomo tsedi jelweng ke tau jaanong ngongora yame ke go re ka batho ba lephata la diphologolo ba ne ba le teng ba bone seru sese nkwetseng, ke eng kesa duelwe dikgomo tsotlhe” a supa jalo.
Rre Lazarus Jack wa kgotla ya Basimane o supile fa a sa itumelele makgetho a tsewang mo dituelong tsa babereki ba ba neng ba bereka kwa meepong kwa Aferika Borwa.
Rre Jack a re madi ao a tla gogilwe lekgetho go tswa Aferika Borwa, mme fa a goroga mo Botswana go tsewa a lekgetho le lengwe gape.
O supile fa se se sa mo itumedise ka madi ao ele one fela a itshetsang ka one.
Mme Oikokeditse Poitshego ene o kopile gore maobo a kgotla a sirelediwe ka go re a ka tloga a fetoga matlotla ntswa a le masha go agiwa.
Fa a akgela ka molao kakanyetso wa gore mmelaelwa a letlelelwe go emele tsheko kwa ntle, Mme Poitshego o supile fa go ne go lebanye gore molao o o seka sekwe ka go re ke selo se ba ntseng ba lela thata ka sone.
“Motho ga a bolaile motho re gogomoga maikutlo thata ebile re leba ka leitlho lele nchocho go re go tla diragalang ka mmelaelwa. Molao o oa nametsa ebile ke itumelela go re o tla seke o letlelele go re motho a emele tsheko kwa ntle motlhofo” Mme Poitshego a gatalela.
Rre Selebatso Mathonyane le ene ele wa kgotla ya Basimane o supile matshwenyego ka babereki ba ba thapiwang ka konteraka ke puso morago ga go tlogela tiro ka bogodi, a re bontsi jwa bone jaaka ba ba berekelang kwa dikokelwaneng ga ba kgone go emelana le tiro ya gompieno ee tlamang go re motho a berekele mo nakong.
Fa a tsibogela dikgang tsa mapodisi, Inspector Mokganedi Gaefetoge o supile fa sepodisi se na le babereki ba ba filweng boikarabelo jwa go araba megala ya batho ba ba ikuelang, a tlatsa ka gore ga a itse go re go ka tswa go ne go diragetse jang letsatsi leo go re mogala o seka wa arabiwa.
Inspector Gaefetoge o tlhomamisitse fa letsatsi le letsatsi go ntshiwa koloi e e lebaganang le go ya kwa mafelong a dipego di tlang di tswa teng, a re fa gotwe koloi ga eyo go a bo go tewa gore e ile go thusa ba bangwe ba ba neng ba kaile fa ba tlhoka thuso.
“Ka gantsi batho ba ngongoregela thuso ya badiri bangwe ba rona segolo jang ba ba yang kwa mafelong a ditiragalo, ke le rotloetsa go nna le tla go ikuela kwa bagolwaneng go na le go re le tsenwe ke boitlhobogo mo sepodising sa lona” Inspector Gaefetoge a supa jalo.
Mmaboipelego wa kgaolo ya Serowe Rre Tshepo Molefe a re puso e file batho dithata tsa go re ba ka dirisa karata tsa bone tsa go reka dijo kwa ba batlang teng, a tlatsa ka go re puso e amogetse dipego tsa go re mafelo mangwe a ba rekang kwa go one aa tura mme ba lekile go tsibogela kgang yeo ka go buwa le marekisetso ao.
A re kgang ya go re ba neelwe ele madi e santse e sekwa sekwa mme ba tla itsisiwe fa e wela.
Rre Molefe o tlhalositse fa ba na le thulaganyo ya tshidilo maikutlo e e diretsweng batho baba latlhegetsweng ke ba losika, a mo rotloetsa Mme Charles go re a ikgolaganye le bone.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la Diphologolo le Makgabisanaga, Rre Moemedi Mankge o tlhalositse fa go na le diphologolo tse e reng di go senyeditse obo o duelwa phimola dikeledi.
O supile fa tau ele nngwe ya tsone ke ka moo Rre Kutuso a neng a bona tuelo, mme a ne a seka a bona ya dikgomo tse di bolailweng ke phiri ka gore phiri ga se nngwe ya diphologolo tse di duelelwang.
Rre Mankge o kaile fa morui o duelwa fa a senyeditswe ke tau, nkwe, nare, kwena le kubu. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : Serowe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jan 2024