Breaking News

Ba rotloeditswe go tlhokomela leruo

25 Jan 2024

Banni ba Sepopa ba gwethilwe go nna le seabe mo go tlhabololeng motse wa bone. 

Mopalamente wa Okavango, Rre Kenny Kapinga o ba rotloeditse mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi.

Rre Kapinga o supile fa motse o saletse morago ka ditlhabololo mme o tlhoka ditiro tse di ka tsholetsang itsholelo ya one.

A re go tlhoka ditlhabololo go baka gore banni ba hudugele kwa metseng e e mabapi jaaka Shakawe.

Rre Kapinga a re o tshwenngwa ke go re ditiro dingwe tsa puso tse di filweng dikhamphani tsa Batswana ka maikaelelo a go rotloetsa beng gae di sa fele ka nako. A re le fa puso e rotloetsa beng gae, go botoka go re e fe dikhamphani tse di nang le motlhala wa go dira sentle tiro.

A re o tshwenngwa ke go bo tsela ya Sepopa-Mohembo e e neng e tshwanetse go simolola go baakangwa ngwaga o o fetileng e saletse kwa morago mme banni ba kgaolo eo ba sa rerisiwe go re go bakwa ke eng ka e bile ba ne ba solofetse go re banni ba Sepopa le metse e e mabapi ba tlaa bona ditiro le itsholelo ya motse e tlaa tokafala.

Rre Kapinga o gakolotse barui go tlhokomela leruo la bone gore le ba tswele mosola ka ba Botswana Meat Commission ba okeditse ditlhotlhwa tsa theko ya kgomo.

A re fa barui ba disa leruo la bone e bile ba le tlhathela, go ka fokotsa bogodu jwa lone.

Rre Kapinga o ne rotloetsa banni ba go ikwadisetsa lenaneo la Temo Letlotlo le le thusang ka didirisiwa tse di tlhofofatsang temo jaaka diterekere tse a reng di kaba thusa thata go na le go lema ka ditonki.

Fa a bua mo boemong jwa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Sepopa, Rre Baisang Kodumo o ne a re ba tshwentswe ke kago tsa pelegi tse di agilweng mo motseng wa bone mme di ise di tsenngwe mo tirisong.

Rre Kodumo a re ba sa le ba solofeditswe di ofisi tsa dikgolegelo le di ofisi tsa sepodisi tse di tlang ka koketsego ya mapodisi a tlhalosa fa mapodisi a motse wa bone a okametse kgaolo e e bophara ya Sepopa le metse e e mabapi.

O tsweletse gape a re ba kopa go agelwa diofisi tsa ba diphologolo ka motse wa bone ole motona e bile o na le metsana e e ikaegileng ka one, a re seo se ka fokotsa mosepele wa go kopa dithuso kwa Shakawe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Sepopa

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Jan 2024