Leuwe o rotloetsa morafe go ikwadisetsa ditlhopho
25 Jan 2024
Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Tshoganetso Leuwe a re go nna maoto a tshupa go ikwadisetsa dithopho mo kgaolong ya gagwe go a tshwenya.
Fa a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa Sorilatholo le Kaudwane bosheng, Mopalamete Leuwe o boleletse banni gore go tlhoka go tlhopha ke go ithontsha tshwanelo e e mo molao motheong.
Rre Leuwe a re le fa go tlhopha go sa patelediwe, ke tshwanelo ya Motswana e e mo fang boikarabelo jwa go itlhophela moemedi.
O kopile banni go ikwadisetsa ditlhopho gore ba tle ba diragatse tshwanelo ya bone le go itseela ditshwetso tsa gore ba roma mang go ba emela kgotsa go bopa puso e ba e batlang.
Monni wa Kaudwane, Rre Sianang Raboikanyo o amogetse kgakololo ya ikwadiso le go tlhopha. Rre Raboikanyo o gwetlhile ofisi ya ditlhopho go oketsa maiteko a go ruta batho ka mosola wa tlhopho, a re go tlhoka kitso ke go ne go dirang gore batho ba nne maoto a tshupa go ikwadisetsa go tlhopha.
A re fa thuto e ka dirwa sentle, seelo se ofisi ya ditlhopho e se ipeetseng sa go kwadisa batlhophi ba le 1.3 million se ka wela .
O kopile ba ofisi ya Omang go isa ditlamelo kwa mafelong a a kgakala, a re bangwe ba dikarata tsa bone tsa Omang di feletsweng ke nako ga ba kgone go di shafatsa ka ntata ya tlhaelo ya dipalamo e e bakiwang ke ditsela tse di maswe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Sorilatholo
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 Jan 2024