Thuto e tlhoka go tshwaraganelwa - Lucas
24 Jan 2024
Mopalamente wa Bobonong, Rre Taolo Lucas a re ga a itumedisiwe ke maduo a a kwa tlase a dikole dingwe tsa kgaolo ya gagwe.
Mopalamente o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Tsetsebjwe bosheng.
Rre Lucas o tlhalositse fa go tshwenya thata go bo go santse go na le dikole tse di bonang maduo a a kwa tlase ga seelo se se beilweng ke puso.
Rre Lucas o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ka e le yone bokamoso jwa matshelo a bone.
A re barutabana ba dira tiro e tona ya go ruta mme go tlhoka gore botsadi le bone ba tsenye letsogo bogolo jang mo nakong ya gompieno e botlhoka tsebe jwa bana bo ileng magoletsa.
Le fa go ntse jalo, Rre Lucas o tlhalositse fa seemo sa letlhoko la dibuka mo dikoleng le tsweletse, mme o ne a kopa ba ba neetsweng boikarabelo jwa go reka dibuka go tsosa dinao go bona gore dibuka di goroge ka nako kwa dikoleng.
O ne a re, se ke nngwe ya tse di bakang gore maduo a bana a bo a tsweletse ka go wela tlase a sa tokafale.
A re maitlamo a puso ke go neela bana thuto ya mahala kwa dikoleng.
O kaile fa kwa dikoleng tse di kgolwane seemo se le botoka mme go santse go pala kwa go tse di potlana mme a kopa boeteledipele jwa khansele ya Bobirwa go nna ba ipaakantse ka se e se seemo sa tshoganetso.
Rre Lucas o tlhalositse fa e se batsadi botlhe ba ba ka kgonang go rekela bana ba bone dibuka ka ba sa lekane ka itsholelo bogolo jang ka nako e nne phane e seyo ka go le gantsi e le yone e ba e thusang ka yone.
Mo go tse dingwe, Rre Lucas o ne a tlhalosetsa morafe wa Tsetsebjwe fa ditlhabololo tsa botsogo tse di neng di solofetswe tsa kgaolo ya Bobirwa di akaretsa kago ya kokelo le sekole se se botlana sa motse wa bone di suteleditswe go ya go sekwasekwa kwa lenaneong la ditogamaano la NDP12 le le simololang ka ngwaga wa 2025.
A re go ya go nna bokete gore ditlhabololo di diragale mo kgaolong segolo jang ka le tsone tse di tshwanetseng go ka bo di dirwa ke khansele di pala ka le yone e tlhaelelwa ke madi.
O ne a rotloetsa dikomi tsa ditlhabololo tsa metse go dirisa lenaneo la Ipelegeng go dira ditiro tse dingwe tsa motse jaaka go baakanya terata ya mahudiso e banni ba lelang ka yone gore e ole.
E ne e rile go le pele, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Tsetsebjwe, Rre Joseph Baakile a tlhalosa fa kokelo ya bone e le potlano mo e fekeediwang ke balwetse ba ba e etelang go kopa dithuso.
Rre Baakile o tlhalositse fa kokelo e thusa batho ba metse ya Moletemane, Phakwe, BainesDrift le ba ba tswang kwa dipolaseng, a re se se ngomolang pelo ke gore le bodiredi bo a tlhaela.
Rre Baakile o ne a lebogela kago ya borutelo ya bana ba bannye kwa sekolong se se botlana sa Busang mme e bile se le mo tirisong. Ends
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Tsetsebjwe
Event : Kgotla meeting
Date : 24 Jan 2024