Barui ba rotloediwa go lwantsha malwetse a a anamisiwang ke kgofa
24 Jan 2024
Barui ba gakolotswe go tipa leruo la bone go le sireletsa mo malwetseng a a anamisiwang ke kgofa e thamaga.
Kgakololo e, e ntshitswe ke ngaka ya leruo, Dr Wapapha Modala mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Mopalamente wa Takatokwane Rre Tshoganetso Leuwe kwa Kaudwane le Sorilatholo bosheng.
A re go a tshwenya go bona barui ba latlhegwelwa ke leruo ka ntata ya malwetse a a anamisiwang ke kgofa e thamaga, a supa fa malwetse ao a setse a atile thata mo kgaolong ya Letlhakeng. “Dikgomo mo kgaolong ya Letlhakeng di swa ka dipalo tse di kwa godimo di bolawa ke malwetse a anamisiwang ke dikgofa,” a tlhalosa.
A re malwetse a tshwana le metsi pelo (heart water) a a anamisiwang ke kgofa e thamaga a ka fenngwa fa barui ba ka tipa ka ditlhopha kgotsa ka dithota, a re fa morui a tipa a le esi ga gona go nna le maduo ka dikgofa di tlaa tswelela di le teng.
O rotloeditse barui go kentela leruo la bone bolwetse jwa kwatsi le serotswana, a tlatsa ka go re lephata le ikemeseditse go ba ruta go kenta kgotsa go ba thusa fa ba palelwang teng. O ne a tlhalosetsa barui go re jaanong ba ka reka manyena a leruo, go shafatsa ditshipi tsa dikgomo mo Letlhakeng go na le go ya kwa Molepolole jaaka pele.
Rre Kgotso Oteng go tswa mo lephatleng la temo thuto o ne a supa fa tlhwatlhwa ya phokoletso ya dijo tsa leruo ka ntata ya leuba e tlaa tswelela go fitlhela Seetebosigo. Mo go tse di amang Temo Letlotlo, Mopalamente Rre Leuwe o ne a rotloetsa morafe go atla lenaneo leo, a re le ka ba tswela molemo. O kgothaditse morafe go tshepha gore Temo Letlotlo e ka jesa malwapa a bone ya bo ya jesa le lone lefatshe, a re go le gantsi fa lenaneo le le lesha batho ba a etsaetsega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : KAUDWANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 24 Jan 2024