Breaking News

Mopalamente o akgotse banni ba Lepashe

24 Jan 2024

Banni ba Lepashe mo kgaolong ya Tutume ba akgoletswe go atla mogopolo wa ga  Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa ‘A re chencheng’, o o rotloetsang go fetola boitshwaro, megopolo le go dira.

Mopalamente wa Nata/Gweta, Rre Polson Majaga o akgotse banni a supa botlhokwa jwa go amogela   thotloetso ya ga Tautona Masisi ya gore ba fetole ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng. O buile jalo ka Labotlhano a buisa phuthego ya kgotla, a re go bona kgotla e tletse e ke sesupo sa gore ba eme ka dinao go direla motse wa bone.  

Rre Majaga a re ba dirile se se sa tlwaelesegang ka gore mo nakong e e fetileng ba ntse ba le maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla.  Ka jalo a re se ba se dirileng ke sesupo sa gore ba utlwile molaetsa wa go fetola boitshwara, dikakanyo le ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng. O tsweletse a re go botlhokwa gore ba tsibogele dikgang tsotlhe tse di amang matshelo a bone, e seng go tsena diphuthego tsa kgotla fela.  

Rre Majaga a re go inaakanya le temo ke sengwe sa tse di ka tokafatsang matshelo a bone le tshaba ya lefatshe lotlhe le sone seemo sa itsholelo.

Rre Majaga a re sengwe sa dilo tse di tshwenyang lefatshe la Botswana ke go tshabelelwa ke leuba le le amang le tsone diphologolo tsa naga. O supile gore mo ngwageng o o fetileng seemo seo, se ne sa baka dintsho tsa diphologolo tsa naga jaaka ditlou.  Le fa go ntse jalo, Rre Majaga a re Ramasedi o gopotse tshaba ya Botswana ka go nesa dipula, e bile di santse di tsweletse, ka jalo a re le fa pula e kgabotse moragonyana, o ba gwetlha go lema. E rile ba tsibogela tekodiso ya ga Rre Majaga, banni ba ntshitse selelo ka tsela e e ba lomaganyang le Matsitama.  Ba re sale ba kopile go re tsela eo e tshelwe sekontere, mme nako kgolo ke eno. 

Sengwe sa dilo tse di tshwenyang morafe wa Lepashe ke go tlhoka molemisi le go tlhaela ga matshwao a ditlhaeletsano tsa megala ya letheka.  Ba re go tlhoka go dirisa maranyane go ba kokonela thata ka ba tlolwa ke dilo dingwe tse di botlhokwa.  Mongwe wa banni, Rre Keodiretse Matende a re go tlhoka molemisi mo motseng go ba beile ka fa mosing ka ga ba ise ba kgone go ikwadisetsa lenaneo la Temo Letlotlo.  Rre Matende a re balemi ba latela molemisi kwa Matsitama, se a kaileng e le kgwetlho ka go le sekgala sa dikhilomithara di feta lesome, tsela ya teng e le lekgarapana e bile go se motlhofo go bona sepalamo. O kopile gore ba thapelwe molemisi ka go thusiwa ke balemisi ba metse e mengwe go ba baya ka fa mosing le gone go ba latela e le kgwetlho ka metse eo e katogane thata. Ba boletse fa motse wa bone e le mongwe wa metse e e kgakala le ditlamelo e e neng ya gokelwa motlakase  ngogola, mme ba tshepisiwa fa ka kgwedi ya Morule o tlaa bo o phatlaladitswe le motse gore ba gokele mo malwapeng a bone. Ba re le jaana ba letile, mme ga gona tlhaloso.

Mopalamente Majaga o boletse fa seemo sa tsela eo se sa mo robatse, a re o tlaa tswelela a dira maiteko a go kopa puso go re e nne nngwe ya ditsela tse di tsibogelwang. 

Rre Majaga a re tsela eo e ka fokotsa mosuke wa dikoloi mo tseleng ya Francistown-Nata ka bontsi jwa dikoloi tse di tswang borwa di ka tsena ka Serowe di ya go feta ka Matsitama go wela mo A3. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : LEPASHE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 24 Jan 2024