Bagwebi ba kopilwe go duela ditsha
24 Jan 2024
Bagwebi ba rotloeditswe go duelela ditsha tsa kgwebo tse di kolotang lekgotla la kabo ditsha la Kgalagadi P17 million.
Fa a bua le bagwebi ba Tsabong, mokwaledi wa lekgotla leo, Rre Nicolas Motlogelwa o rile go botlhokwa go phutha madi mo go botlhe ba ba tshwereng lefatshe la kgwebo. Rre Motlogelwa o ne a supa go re fa mogwebi a beilwe setsha sa kgwebo o tshwanetse a se tlhabolola a se tsenya mo tirisong go tokafatsa itsholelo ya lefatshe.
O ba tlhabile podi matseba go re dipolasi dingwe tse di saleng di beilwe ka dingwaga tsa bo 1970 di ne di filwe diteseletso tsa dingwaga tse di masome a matlhano jaanong ditlankana tsa tsone di feletswe ke boleng ka fa molaong, ka jalo di tshwanetse tsa ntshafadiwa.
O tlhalositse gore fa moikopedi a eletsa go tswelela a dirisa lefatshe leo go sekasekwa ditumalano go bona gore a moikopedi o ntse a diragatsa ditumalano tse a neng a di beilwe pele, a tlatsa ka gore fa setsha seo se ntse se sa duelelwe go na le kgonagalo ya gore lekgotla le tseye lefatshe kana le rekise dithoto tse di mo teng go duela sekoloto.
Rre Motlogelwa o gakolotse bagwebi gore ba ele tlhoko gore tumalano ya sebaka sa bone sa go dirisa lefatshe e fela leng ka gore ba tloga ba tswelela ka go di tlhabolola ntswa di feletswe ke sebaka. A re fa ba sa duelele ditsha sentle seo se ka baka gore lekgotla le retelelwe ke go isa ditlamelo kwa Batswaneng ka thelelo.
A re go itlhokomolosa ditsetlana tsa teseletso go ka baka ditlamorago mme mogwebi a felele a latlhegetswe ke lefatshe leo.
A re dikgang tsa lefatshe di a goroga kwa makgotla tshekelong (Land Tribunal), mme keletso ke go re go nne le tirisanyo mmogo e ntle fa gare ga makgotla a kabo ditsha le bagwebi go itsa dikgotlhang.
Rre Motlogelwa a re lekgotla leo le le okametseng dikgaolo tsa Tsabong le Hukuntsi le ne le ipeetse seelo sa go phutha P8 million mo go P17 million yo o kolotiwang mo ngwageng ono wa madi wa 2023/2024 mme ba kgonne fela go phutha madi a a fetang P1 million.
A re ba tshwenngwa ke gore bangwe ga ba tlhabolole ditsha tse ba di abetsweng mme seo se dire gore go seka ga nna le letseno mme ba felele ba sa duele jaaka go dumalanwe. Gape a re nngwe ya tse di ba tshwenyang ke gore bangwe ba ba abetsweng ditsha tsa kgwebo ba na le go ipagololela mogodu ba ikokeletsa lefatshe mo go seng ka fa molaong.
Rre Motlogelwa o ba gakolotse go dirisa mananeo a puso go tlhabolola ditsha, a supa gore ba tshwenngwa ke matlotla mo ditsheng tsa kgwebo mme seo se bolaya boleng jwa selebego sa motse. O gakolotse gape gore fa motho a ne a abetswe lefatshe mme a bo a retelelwa ke go le tlhabolola a seka a rekisa ka seo se ka tsisa khumanego, a gakolola gore mong wa setsha o ka dira thulaganyo ya go adima yo o ka kgonang go le tlhabolola go na le go le rekisa.
Mokwaledi wa lekgotla la Kabo Ditsha la Tsabong Rre Mpho Keareng a re ba tsweletse ka go tshwara diphuthego le bagwebi tse maikaelelo a tsone e leng go kgothatsa botlhe ba ba filweng ditsha go diragatsa ditumalano tsa dituelo. O supile gore ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la madi go itsamaisa ka gore ka nako ya kgaogano ya madi a lefatshe ba abelwa 85 per cent ya madi a ba a tlhokang go itsamaisa ka go solofelwa gore ba phuthe 15 per cent. Ka jalo a re go botlhokwa go re ba kopane le bagwebi go bona go re ba ka dirisanya jang go duela madi a ba a kolotang. Fa a akgela, mogwebi mo kgaolong ya Tsabong yo gape e leng mopalamente wa pele wa kgaolo ya Kgalagadi Borwa, Rre John Toto o ne a lebogela lekgotla gore ga le a ba felela pelo mme le tsere matsapa go rerisanya le bagwebi matlho a phage a lebanye go senka tharabololo.
Mogwebi yo mongwe, Mme Tumisang Ngwanathebe, ene o kopile gore lekgotla le golagane thata le ba phatlalatso metsi le motlakase ba bereke ba lomagane gore bagwebi ba kgone go tlhabolola ditsha di na le tsotlhe tse di tlhokegang. O kaile gore go tlhoka ditlamelo go ka paledisa bagwebi go tlhabolola lefatshe mo nakong e e beilweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 24 Jan 2024