Ba Moletemane ba lela ka tiego ya tsela
24 Jan 2024
Kgosi Kagelelo Gape wa Moletemane mo kgaolong ya Bobirwa o supile matshwenyego mabapi le tiego ya go wediwa ga tsela e e gokaganyang motse wa gagwe le Tsetsebjwe.
Kgosi Gape o tlhalositse fa matshelo a batho ba Moletemane a ikaegile thata ka tsela eo ka e le yone e ba gokaganyang le dikgaolo tse dingwe go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi.
O ntshitse matshwenyego mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Taolo Lucas bosheng.
O ne a tlhalosa fa tsela e, e setse ena le dingwaga dile nne e ntse e simolotswe mme e santse e le kgakala le go wediwa. A re se se tshwenyang ke go tlhoka dikarabo go tsweng kwa go ba ba maleba. A re bothata jwa tsela bo dira go re bagwebi ba seka ba kgatlhegela go ya go bula dikgwebo kwa motseng wa bone.
E rile a ama tse dingwe tsa motse wa gagwe, Kgosi Gape o ne a supa fa khamphani ya dikoko tsa nama ya Richmark, e e tswang kgakala e tshegeditse matshelo a batho ba Moletemane le metse e e mabapi, e lebanwe ke go tlhoka lefelo le e latlhelang leswe teng.
O ne a tlhalosa fa seemo se se tswa kgakala mme se ne se le botoka mo nakong tse di fetileng ka go ne go na le thulaganyo e e neng e kopanetswe ke bogogi jwa khamphani le khansele ya Bobirwa ya go latlha matlakala.
A re fa e sa le thulaganyo eo e ema khamphani ya Richmark e dirisa madi a mantsi go isa matlakala kwa Francistown ka ele gone kwa go nang le lefelo le le babalesegileng go latlha matlakala.
Kgosi Gape o ne a isa kopo kwa go mopalamente go thulanya dithogo le boeteledipele jwa khansele, ba kabo ditsha le ba ba maleba go sekaseka lefelo le le ka abelwang komiti ya ditlhabololo go le tsamaisa ka se se ka fokoletsa ba khamphani ya Richmark ditshenyegelo mme le motse o kgone go bona letseno.
E ntse e le tse di itebagantseng le khamphani ya Richmark Kgosi Gape o ne a tlhalosa fa e tlhaelelwa ke metsi ka didiba tse e ntseng e di dirisa di sa tlhole di ntsha metsi a a lekaneng mme a kopa boeteledipele go kopana go bona gore ba ka thusiwa jang go tswelela ka kgwebo.
O ne a re fa seemo se sa tsibogelwe se ka baka tatlhegelo ya mebereko ka khamphani e ka patelesega go tswala madirelo.
Rre Leina Tapologo go tsweng kwa lephateng la ditsela o ne a tlhalosa fa tiego ya tsela e bakilwe ke dikgwetlho.
Rre Tapologo o ne a tlhalosa fa tsela e simolotswe ka ngwaga wa 2019 mme e rile e ntse e tsweletse e dirwa go ne ga tlhagoga bolwetse jwa COVID-19 jo bo neng jwa baka tiego ka go ne ga emisiwa metsamao.
O ne a re koketsego ya ditlhwatlhwa tsa dithoto di tshwana leokwane le yone e ne ya nna le seabe mme rakontera a ipelaetsa fa madi a a dumelwaneng a le mannye.
Rre Tapologo o tlhaloseditse banni ba Moletemane fa tumelano le rakonteraka e weditswe mme a solofetswe gore a bo a boetse tirong mo bogaufing.
Rre Lucas o ne a kgothatsa bodiredi jwa puso le khansele go tsibogela dilelo tsa morafe ka nako go na le go emela diphuthego tsa ga mopalamente ka se se diya ditlhabololo tsa metse.
Rre Lucas o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go nna ba etela morafe go utlwa matshwenyego a bone, a tlhalosa fa ditiro dingwe di diiwa ke go re bodiredi bo nna kgakala le boeteledipele jwa metse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : MOLETEMANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 24 Jan 2024