Banni ba rolela mopalamente matshwenyego
24 Jan 2024
Banni ba metse ya Botalaote, Sekakangwe le Zwenshambe kwa kgaolong ya Tati Bophirima ba roletse mopalamente Rre Simon Moabi dilelo tsa bone.
Ba ntshitse matshwenyego a bone mo diphuthegong tsa kgotla bosheng ba supa fa dingwe tsa tsone di tswa kgakala di sa bone tharabololo.
Banni ba supile ba le sebete se molangwana ka ditlhabololo tse di saletseng morago jaaka tiego ya kabo ya ditsha tsa bonno le masimo.
Ba tlhalositse gore go nna lobaka mo malwapeng a batsadi go tsala dikgotlhang le go ba dia go itirela ka jalo ba kopa lekgotla la kabo ditsha la Tati go fefosa dinao.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Botalaote, Mme Joyce Tamusiya a re tiego ya peo ya ditsha e na le seabe mo tiegong ya kgolo ya metse.
Kwa Sekakangwe modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Shepard Mogapi o kopile go re puso e sekaseke go tlhoma kgoro ya molelwane wa Botswana le Zimbabwe go lebagana le motse wa Mbalambi.
Rre Mogapi o ne a kopa gore matlhabelo a Botswana Meat Commission a Francistown a bulwe gore barui ba kgone go rekisa dikgomo tsa bone.
O ne a kopa gore ba agelwe leobo le lesha la kgotla, a re mo metseng e le masome a mabedi le bosupa ya Tati Botlhaba, motse wa bone ke one fela o o saletseng kwa morago ka o sa agelwa leobo la tebego ya segompieno.
Banni ba Sekakangwe ba ne ba kopa go re matona a puso ka go farologana a nne a etela motse wa bone go utlwa matshwenyego a bone matlho a phage a lebane.
Kwa Zwenshambe gone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Royal Mokgosi o ngongoregile ka seemo sa ditsela tse di mo motseng, a re di mo seemong se se sa siamang.
Rre Mokgosi o supile fa go na le tlhaelo ya boroko jwa baithuti kwa sekoleng sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Zwenshambe, a re bothata joo, bo baka gore bontsi jwa baithuti ba felele ba nna kwa ntle ga sekole mme ba kokonelwa ke go duela matlo a phiriso ka lemme le ba le fiwang le le kwa tlase fela thata.
Banni ba Zwenshambe le Sekakangwe ba kopile go agelwa diofisi tsa sepodisi mo metseng ya bone le go abelwa dikoloi tsa sepodisi go re borukutlhi bo tsibogelwe ka nako. Ba Botalaote bone ba boletse fa ba santse ba lela ka tlhaelo ya boroko jwa baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Pelaelo kwa Makaleng. Ba kaile fa ba babalelwa ke go duelela dipalamo tse di isang bana sekoleng. Banni ba metse eo ka boraro ba supile fa tlhaelo ya dibuka kwa dikoleng e ama maduo a baithuti, ba re tlhaelo eo e tlama batsadi go rekela bana dibuka segolo jang fa ngwaga o simologa, mme seo se babalela batsadi le go baya ka fa mosing bana ba batsadi ba bone ba sa kgoneng go reka dibuka. E rile a tsibogela mangwe a matshwenyego a banni, Rre Moabi o ne a ba gakolola ka botlhokwa jwa go kopanela dingwe tsa dikgwetlho tse di ba amang le go tswa ka ditharabololo.
A re dingwe tsa tsone di tlhoka go rarabololwa ka bofefo e seng go emela diphuthego tsa mopalamente. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : SEKAKANGWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 24 Jan 2024