Lephata le rola terekere e e ka thusang balemi
23 Jan 2024
Mogolwane wa lephata la temo-thuo Rre Phetogo Molefi o rotloeditse balemi ba ditonki go dirisa terekere e a reng e bonolo go dirisiwa.
Fa a buwa le balemi ba Mokatako kwa masimong a Malelalo kwa lephata le neng le ile go supa terekere eo teng, Rre Molefi o supile fa terekere eo e ka ba thusa thata segolo jang ba ba senang ditonki.
A re terekere eo, e nonofo ya yone e lekanang le dipitse di le lesome le botlhano, ke nngwe e puso e ikaeletseng go thusa balemi ka yone ka fa tlase ga lenaneo la Temo Letlotlo.
“Tlhwatlhwa ya terekere e ke dikete tsa dipula dile masome a mararo mme molemi o ntsha dikete di le lesome le botlhano fa a reka ka lenaneo la Temo Letlotlo.”
O lebogile Rre Montsho Kanakatse go bo a letleletse lephata go ya go supegetsa balemi ba mosola wa terekere eo kwa tshimong ya gagwe.
Fa a tswa la gagwe Rre Kanakatse a re terekere eo e siame mme fa e ne e le ya maoto a mane e ka bo e siame thata ka go re bagolo ga ba sa tlhole ba na le tokololo.
“Fa e ne e kgona go tlhomolola mogoma motho a sa ngakalala e ka bo e siame thata”, molemi yoo o ne a supa jalo.
“Yone e ka siama thata fa motho a kofola kana go tlhagola mhero ka yone ka go re go lebega e sa batle bokete” a tlhalosa.
Rre Kanakatse, yo a setseng a lemile ditema tse pedi ka ditonki e bile a lema ka ditselana o tlhalositse go re fa tshimo e le tlhaga e ntsi kana e le motlho maduo a go lema ka terekere eo e ka nna a a sa nametseng.
A re e re le ntswa a le pelo pedi ka terekere eo, o tlaa e dirisa le ditonki tsa gagwe ka tsone a tshepa ka fa di mo direlang bontle ka teng ngwaga le ngwaga.
Molemi yo mongwe Rre Mompati Motlogelwa a re e batla e ka bo e ne e le maoto a mane go dira go re e leme sentle e sa dire dibanka.
“Mme ga go tshwane motho o ka lekeletsa,le fa go se bonolo go tlogela selo se o se tlwaetseng jaaka ke tlwaetse ditonki jaana.”
Rre Motlogelwa a re e re ka jaana terekere eo e le magorogo-masha, tumelo ke go re ba tlaa e tlwaela fa nako e ntse e tsamaya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : MOKATAKO
Event : POTSOLOTSO
Date : 23 Jan 2024