Breaking News

Ba Moshupa ba itumelela ditlhabololo

23 Jan 2024

Banni ba Moshupa ba galaleditse puso ka ditlhabololo mo motseng wa bone.

Mo pegong ya gagwe mo phuthegong ya kgotla kwa Moshupa bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Baratwa Kesetse a re ba lebogela ditlhabololo di akaretsa ditsela, marogo, poso le kgopo ya metsi a a leswe.

O lebogetse le koketso ya dipalo tsa babereki ba Ipelegeng, ga mmogo le go rutuntsha banana mo ditirong ka go farologana ka lone lenaneo le.

O kopile mopalamente wa Moshupa/Manyana go ba thusa go tlhabolola ntlo lehalahala ya bone, gore ba kgone go ngoka ba ba ka e firisang go oketsa letseno la VDC.

Kgosi Oscar Mosielele o ne a re go botlhokwa gore mopalamente a buisane le morafe ka ditlhabololo tsa motse, a re seo ke sesupo sa puso ya batho ka batho. Kgosi o rotloeditse morafe go tsenelela diphuthego, ka e le sebaka sa go buisana le mopalamente ka dikgang tsa ditlhabololo.

O ne a re le fa ba lebogela ditlhabololo tsa kgopo ya metsi a a leswe, morafe o lela ka tshenyo e e dirilweng ke tiro e o mo malwapeng a bone, jaaka go ranyega ga matlo.

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare, o tlhaloseditse morafe fa phuthego e o, e le sebaka sa bone go tswa ka megopolo ya ditlhabololo e e ka tsengwang mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 12.

O ba itsisetse fa puso e dirile bontsi jwa maikano a yone, le fa e ne ya kgorelediwa ke go lwantsha segajaja sa COVID-19. A re puso e tlile ka mananeo jaaka Temo Letlotlo go godisa temo thuo, go tswalela go rekwa ga merogo mengwe kw ntle ga lefatshe, a bo a tlhalosa gape go re puso e rekile dikgomo tsa boleng go tla go tlhabolola boleng jwa dikgomo tsa Batswana.

A re lenaneo la ga Tautona la go abela Batswana dipoo, diphelefu le diphoko ke maikaelelo a go godisa boleng jwa thuo mo Botswana. O tlhalositse fa Temo Letlotlo e ka  tokafatsa temo, a supa gape go re lenaneo lengwe le lengwe le lesha le na le digwetlho tsa lone, ka jalo a kopa morafe go nna pelo telele mo go la Temo Letlotlo.

Mo go tsa go emisa theko ya merogo kwa ntle ga lefatshe, o supile fa madi a a ntseng a isiwa kwa ntle ga Botswana a fokotsegile fela thata, e bile Batswana ka bontsi jaanong ba na le letseno ka go lema dijwalo tseo. O ne a itsese morafe go re mmaraka wa merogo  o tlaabo o agilwe mo nakong e e sa fediseng pelo, go re Batswana botlhe ba ise thobo ya bone teng.

A re se se tla thusa go re go nne le dijo ka go farologana tse di dirwang mo gae jaaka artchar, dino tsididi, jeme le tse dingwe, mme se godise itsholelo ya Botswana.

Rre Gare o tlhalositse fa puso gape e dirile lephata la tsa kgwebo, le a le eteletseng pele, a supa fa maikaelelo e le go godisa Batswana bogolo jang banana mo go tsa kgwebo.

O kopile morafe go dirisa lenaneo la kgwediso ka seatla go tokafatsa boleng jwa loruo lwa bone, a ba a ba gakolola go ikopanya mme ba age megotlha e e tlaa ba thusang go dira seo.

O ba itsisetse go re o rekile sebeelo sa moroto wa dipoo se segolwane gore baagi ba ba senang bokgoni jwa go ithekela ba ka ipolokela mo go sone.

Rabalemisi wa kgaolo, Rre Kgakololo Bafaletse o tlhalositse fa nako ya temo e okeditswe go ya kwa go Tlhakole a tlhola malatsi a le supa, ka jalo a gakolola balemi go dirisa nako e o go tshwara bongola.

O supile gore Temo letlotlo e tlaa thusa ba ba amogelang P4 000 go ya kwa tlase mahala, e le paakanyo go tswa kwa P2 500 jaaka go ne go supilwe. O tlhalositse gape go re ba ba lemang ka ditonki ba tlaa letlelelwa ngwaga o no le o o latelang fela.Mogolwane wa Water Utilities Coorporation, Rre Kutlwano Simo o supile fa ba itse ka tshenyo e e dirilweng ke tiro ya kgopo ya metsi a a leswe, mme ba tshwaragane le konteraka e e dirang tiro go rarabolola dikgang tseo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Thato Modiakgotla

Location : MOSHUPA

Event : POTSOLOTSO

Date : 23 Jan 2024