Breaking News

Lenaneo le tlaa thusa go tsosolosa lefatshe

22 Jan 2024

Lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a a lesome le bongwe a tla thusiwang ke lekgotla Global Environment Facility (GEF) ka madi go tsosolosa lefatshe le le kgothegileng.

Mogolwane kwa lekgotleng la Food and Agriculture Organisation (FAO), Mme Dineo Gaborekwe a re mo Botswana thulaganyo ya lenaneo leo e tlaa simolodisiwa kwa metseng ya Tutume, Mosetse le kgaolo ya Chobe.

Mme Gaborekwe o buile jalo kwa dithuto-puisanyong le ba-na-le seabe ba tsa tiriso ya lefatshe kwa Tutume bosheng. O tlhalositse fa go kgothega ga lefatshe go ama matshelo a batho ka ba sa tlhole ba kgona go ntsha dijo tse di lekaneng kwa masimong le gone go akola tse di tswang mo tikologong e le tsa tlholego.

Mme Gaborekwe a re lenaneo leo la Dryland Sustainable Landscapes Impact Programme, ke la dingwaga tse tlhano mme le simologile ka 2021 le wela ka 2026, le thusiwa ka US$5 million.  A re mo Botswana lenaneo leo le ka fa tlase ga maphata a la tikologo le bojanala, temo-thuo ba thuswa ke la lekalana la dijo la FAO.

O tlhalositse fa maikaelelo a lenaneo leo e le go laola tiriso ya ditlhare tsa Miombo le Mophane le go lwantsha go nyelela ga tsone.

O ne a kopa ba-tsaa karolo mo thulaganyong eo go tla ka metlhale kana mananeo a a tlaa thusang go tsosolosa lefatshe le le kgothegileng go le busetsa mo seemong.

Ba-tsena thuto-puisanyo eo ba ne ba supa fa thulaganyo eo e tsile tlhari, ka go re lebaka le ba le beetsweng  gore lenaneo leo le bo le setse le diragaditswe le saletswe ke dingwaga tse pedi fela.

Rre Joe Linga wa setlhopha sa balemi kwa Mosetse a re ke bangwe ba ba neetsweng tiro ya go nna le seabe mo thulaganyong eo.

Rre Linga a re ke thulaganyo e ntle thata, a tlatsa ka gore balemi ba komelelo ba tlaa roba sengwe mo go lone. A re ka lone go ka epiwa matamo  go somarela metsi a pula aa tlaa dirisiwang go nosetsa dijalo mme ba bone tlhobo e botoka.

O ne a kopa ba-na-le-seabe go ema ka dinao go bona go re lenaneo leo le a atlega e bile le sologela Batswana molemo. Molemi wa Tutume e bile e mongwe wa maloko a mokgatlho wa balemi wa Totuma, Mme Selebaleng Nkaki o supile fa a le bete se molangwa ka kgang eo.

Mme Nkaki a re ba kile ba solofetswa go thusiwa ka madi ke makgotla aa tshwanang le le mo nakong e fetileng mo makgethong a ka nna mabedi go godisa mhama wa temo mme nakokgolo ke eno.

O supile go re ba nyoretswe go bona temo ya bone e gola e bile ba kgona go jesa lefatshe le go rekisetsa mafatshe a mangwe.

Mme Nkaki a re go botlhokwa gore ba ba rongwang go tsamaisa mananeo ba dire ka natla go re a ntshe maduo. Bangwe ba ne ba supa fa go oketsega ga diphologolo tsa naga bogolo jang ditlou e le gone tshoso e rweleng mo go senyeng lefatshe. Bontsi jwa ba-tsena thuto-puisanyo e, ba ne ba supa fa dikgwetlho tse di mo kgaolong eo di ka rarabololwa ka go ruta le go sedimosetsa batho ka dikgang tse di amang lefatshe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Dithuto-puisanyo

Date : 22 Jan 2024