Pula e boutsana kwa Kgalagadi Borwa
22 Jan 2024
Ditshekatsheko tsa ofisi ya tepo loapi di supa fa pula e le boutsana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
Mogolwane wa ofisi ya tepo loapi kwa Werda, Rre James Keretetse a re le fa e le paka ya pula, kgaolo ya Kgalagadi Borwa e bonye pula e e kwa tlase fela thata fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse nne tse di fetileng.
Mo potsolosong bosheng, Rre Keretetse o tlhalositse go re paka ya pula mo Botswana e tlwaelesegile go simolola ka kgwedi ya Phalane go fitlha ka kgwedi ya Moranang.
O supile gore kgaolo eo, e itemogela mogote o o feteletseng ka mabaka a phetogo ya loapi le go thuthafala mo go feteletseng ga lewatle la Pacific Ocean.
Rre Keretetse a re diphetogo tseo ke tsone di dirang go re pula e ne morago ga nako e e solofetsweng ka yone, gape e le boutsana.
A re seemo seo, se amile thata metse ya BORAVAST eleng ya Bokspits, Rappelspan, Vaalhoek le Struizendam.
O tlhalositse go re go ya ka tsamaiso ya ofisi ya tepo loapi kgaolo ya Kgalagadi Borwa e kgaogantswe ka dikgaolwana tse pedi, e leng ya Botlhaba e e simololang kwa Omaweneno go fitlha kwa Kokotsha. Rre Keretetse are kgaolwana ya Botlhaba e bonye dipula tse di botokanyana fa kgaolwana ya Bophirima, e e simololang kwa Maleshe go fitlha kwa Struizendam e bonye selekanyo sa pula se se kwa tlase.
O tlhalositse go re pula yotlhe e e gatisitsweng ka Sedimonthole ngogola, e nele botokanyana mo mafelong a akaretsang Makopong (145mm), Werda (136mm), McCathy’s Rust (83mm) le Tsabong (68mm).
Mafelo a mangwe jaaka a mo kgaolwaneng ya BORAVAST a gatisitse pula e e kwa tlase ga 10mm Sedimonthole ngogola.
Rre Keretetse o boletse go re fa pula e ka tswelela e na ka boutsana go na le kgonagalo e e kwa godimo ya go re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e gatelelwe ke seemo sa leuba.
Go ya ka motshwarelela mookamela balemisi go tswa mo lephateng la temo thuo mo Kgaolong ya Tsabong Mme Marriam Mosimenyane, temo ya monongwaga e kwa tlase fa a e tshwantshanya le ngwaga o o fetileng.
A re mo nakong eno ngogola, balemi ba feta makgolo a mabedi ba ne ba setse ba beile ditema, mme mo pakeng eno ya temo le fa ba setse ba thusitse balemi ba le makgolo a mabedi le lesome le boraro ka menontshane le dipeo, mo palong eo, go setse go lemile ba le lesome le bosupa fela.
Mme Mosimenyane o tsweletse a tlhalosa go re balemi ba ba ikwadisitseng go thusiwa ka lenaneo la Temo Letlotlo ba abetswe dipeo di akaretsa dinawa, lab-lab le mmidi.
A re dipelaelo tsa gagwe ke go re pula e e boutsana e tlaa dira gore thobo e wele tlase.
Mme Mosimenyane a re mmidi one o tlhoka metsi a mantsi.
Le fa go ntse jalo o ne a tswelela ka go rotloetsa banni ba kgaolo eo, go tswelela ka temo, a tlatsa ka gore setshaba sotlhe se beile tshepo mo go bone go ntsha dijo.
Mongwe wa balemi mo Tsabong, Rre Zacharia Ntau o boletse fa a tswa kgakala a rata temo, selo se a se ithutileng ka go tsaa malebela mo batsading ba gagwe.
Rre Ntau a re o simolotse go inaakanya le temo go simolola ka ngwaga wa 2010.
Rre Ntau a re le ntswa pula e le boutsana ene o ikiteile sehuba go lema ngwaga le ngwaga a supa fa bosheng a lemile mmidi, lablab, dinawa le magapu tse a solofetseng fa a tla roba sengwe fa pula e ka tswelela ka go kgabola e kolobetsa lefatshe. A re maikaelelo a gagwe ke go ema ka dinao a tlhokomela thata kwa masimong ka go nna gaufi le one. O supile go re temo e tlhoka tlhokomelo e tseneletseng go ntsha maduo.
Rre Ntau o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga a dira dipoelo tse di nametsang ka go rekisa mmidi, magapu le tse dingwe.
O kgothaditse balemi ba bangwe le Batswana ka kakaretso go tlhwaafalela temo ka e le bogadi bo gaufi le gone go inaakanya le mananeo a puso jaaka la Temo Letlotlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : POTSOLOTSO
Date : 22 Jan 2024