Moabi o rotloetsa tiriso ya lenaneo
22 Jan 2024
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o rotloeditse banni ba kgaolo ya gagwe go nna pelotelele mme ba dire tsotlhe tse di tlhokwang go re ba kgone go akola lenaneo la Temo Letlotlo le go ntsha dijo tse di tla tshetsang setshaba.
Rre Moabi o buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Botalaote, Sekakangwe le Zwenshambe bosheng, morago ga gore banni ba metse eo ba supe fa ba ketefalelwa ke go dirisa lenaneo la Temo Letlotlo.
Bontsi jwa banni ba boletse fa ba tlaa dika ba sa lema ka jaana ba na le ketsaetsego tebang le lenaneo leo, e bile go lebega go le bokete go re balemi ba le dirise.
Ba tlhalositse fa ba kgojwa marapo ke ditsamaiso tse di tlhokang go salwa morago go re ba leme ka Temo Letlotlo.
Mopalamente o ne a tlhalosa go re lenaneo le le lesha ga le nke le tlhoka dikgwetlho le go tsisa ketsaetsego.
Ka jalo, o ba kopile go re ba seka ba kgobega marapo mme ba leke ka bojotlhe go ikamanya le lenaneo leo go re le ba sologele molemo. O supile fa konokono ya lone e le go thusa Batswana go ntsha dijo tse di lekaneng go ijesa.
A re o dumela go re lenaneo la Temo Letlotlo le tlaa wela sentle, a tlatsa ka gore o na le tsholofelo ya gore mo pakeng e e latelang ya temo, Batswana ba tlaa bo ba le tlwaetse e bile ba le tlhaloganya botoka.
Mo go tse dingwe, Rre Moabi o ne a gwetlha banni ba Botalaote, Sekakangwe le Zwenshambe go emela metse ya bone ka dinao.
A re ba tshwanetse go tlhokomela ditlhabololo tsa metse ya bone.
Rre Moabi o ba rotloeditse go ikanya mowa wa boipelego, ka o ka ba kgontsha go diragatsa ditlhabololo dingwe mo metseng ya bone.
Mopalamente Moabi a re ba tlhaloganye fa metse ya bone le lefatshe ka kakaretso di ka agwa le go tsholediwa serodumo mmogo le go sirelediwa ke beng ba tsone.
A re ga gona ope yo o ka tswang kwa ntle go tla go ba tlhabololela, go godisa le go dibela metse le lefatshe la bone, bone ba ntse moriti o tsididi.
O tsweletse a re go botlhokwa go re Batswana ba dibele kagiso le thokgamo tse di renang mo lefatsheng leno go re le seka la felela le tshwana le mafatshe a mangwe a batho ba one ba tshelelang mo lobelong.
Le fa gontse jalo, Rre Moabi o ba gakolotse go nna pelotelele ba letile tse di mo mananeong a ditlhabololo, ka jaana di ka seke tsa diragadiwa tsotlhe ka nako e le nngwe kgotsa ka nako e ba solofetseng ka yone.
A re tlhaelo ya madi e baka tiego, mme le fa go ntse jalo ditlhabololo di tla tswelela ka go tla ka monokela go laola seemo sa madi.
Rre Moabi o akgotse ba matlhabelo a a ikemetseng kwa Botalaote ka go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa motse oo.
A re go a itumedisa go bona makalana ka go farologana a thusa puso fa e tlhaelang teng.
E re ka jaana banni ba metse eo, ba ne ba lebogela ditlhabololo dingwe mo metseng ya bone, Rre Moabi o ne a ba akgolela seo, a kaya fa go leboga e le selo se se molemo se se tiisang moko.
Banni ba ne ba lebogela puso ditlhabololo dingwe mo metseng ya bone di akaretsa koketsego ya palo ya bodiredi jwa lenaneo la Ipelegeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : SEKAKANGWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jan 2024