Breaking News

Banni ba lela ka tiego ya ditsha

22 Jan 2024

Banni ba Mabutsane le Kanaku ba lela ka tiego ya go abelwa ditsha tsa bonno le masimo.

Ba ntshitse matshwenyego  a bone mo di phuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke Mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane, Rre Mephato Reatile bosheng.

Kgosi Kgakgamatso Molaetsane wa Mabutsane o kopile go itse se se bakang tiego ya kabo ya ditsha, a bo a kopa ba ba maleba go ipaakanya gore ba thuse morafe ka nako.

Kgosi Molaetsane o supile fa ditiro tse dingwe tsa motse le tsone di diega go dirwa, jaaka sepatela se ba saleng ba se solofeditswe ga mmogo le diofisi tsa kgotla.

O kopile gape gore ba itsisewe fa go bewa dipolase tse go saleng go boletswe fa di tlaa segwa.

Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Mabutsane, Rre Kegomoditswe Mosupi o tlhalositse fa tiego ya go aba ditsha e bakwa ke mabaka a a farologanyeng, jaaka go rerisanya le bogosi ka kwa motse o ka golelang teng, go dira mealo, go sega ditsha le go tlhotlha ba ba setseng ba abetswe ditsha mme ba tsentse ikopelo gape.

O kopile setshaba go etela diofisi tsa kabo ditsha go kopa ditlhaloso ka dikgang tse di ba tshwenyang.

Rre Mosupi o tsweletse ka go rotloetsa ba ditlankana tse di kgologolo go kwadisetsa tse disha.

Rre Mosupi o ne gape a gakolola banni go emisa go rekisa ditsha, a bo a kopa mopalamente le bogogi jwa metse go tswelela ka go tsibosa morafe ka bodiphatsa jwa go dira jalo. E rile a rolela morafe dikgang, Rre Reatile a tlhalosa fa theko ya diteemane e wetse tlase, ka jalo seo se ka dia ditlhabololo tse dingwe.

O tsweletse ka go supa fa mafatshe mangwe a tsweletse ka maikaelelo a go tsenya mo mmarakeng diteemane tse di itiretsweng mme seo se na le seabe mo go digeleng theko ya diteemane tsa boammaaruri kwa tlase.

Fa a araba banni ba Kanaku ka go tlhoka motlakase, o tlhalositse  fa tona wa lephata la ditswammung le kgotetso a solofeditse fa metse ya Kanaku, Mahotshwane le Thankane e tlaa gokelwa motlakase.

O tsweletse a supa gore kgokelo ya motlakase e tla ba kgontsha go inaakanya le ditiro tsa diatla ka go farologana jaaka go nosetsa ditshipi go dira dithoto le didirisiwa tse di farologanyeng, mo go tlaa tokofatsang matshelo.

Rre Reatile o tlhalositse fa tona wa ditsela le ditiro tsa setshaba a solofeditse gore tsela ya Mabutsane-Kanaku e tlaa tshelwa sekonotere.

O ne a supa fa a dumalana le morafe gore dituelo tsa Ipelegeng di kwa tlase le gore go nne le borra-lekgotla ba ba sa atswiweng mo Kanaku, mme a supa fa a tlaa fetisetsa dikopo tseo kwa go ba ba maleba.

Mo go tsa pereko, mopalamente o supile fa a ne a buisana le ba sesole go thapa banana ba metse e e kgakala le ditlamelo, ka jalo a tlhomamisa fa kopo ya gagwe e atlegile. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Thato Modiakgotla

Location : MABUTSANE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 22 Jan 2024