Batsadi ba kgothadiwa go emela thuto ya bana ka dinao
21 Jan 2024
Batsadi ba metse ya Ramokgonami le Maape mo kgaolong ya botlhophi ya Sefhare/Ramokgonami ba kgothaditswe go rotloetsa bana go tlhwaafalela dithuto.
Mopalamente Dr Kesitegile Gobotswang o ntshitse kgakololo eo mo diphuthegong tsa kgotla bosheng.
Dr Gobotswang a re batsadi ga ba a tshwanela go itlhokomolosa thuto ya bana ba beile morwalo mo barutabaneng.
O gateletse go re tshwaragano ya batsadi, barutabana le bana ga mmogo le ba-na-le seabe botllhe mo mererong ya thuto ka kakaretso e botlhokwa ka e thusa go ntsha maduo a mantle.
Le fa go ntse jalo, Dr Gobotswang o akgoletse dikole tse dipotlana tsa Maape le Ramokgonami go dira bontle mo maduong a lekwalo la bosupa a ngogola.
A re sekolo se se potlana sa Maape se pasitse ka 80 per cent, fa sa Taung se le sone se leng mo Maape se bone maduo a 78 per cent, fa sa Ramokgonami sone se totobile go tswa kwa go 34 per cent, go bona 50 per cent.
Dr Gobotswang o galaleditse maiteko ao, a rotloetsa dikole go tswelela ka go lwa go fitlhelela di tshwara seelo se se beilweng ke lephata la thuto sa 80 per cent kana go feta. A re o tshwenngwa ke gore dikole ga di kgone go tsepama le go itshwarelela mo go ntsheng maduo a kgatlhisang
Mogolwane wa thuto wa kgaolo ya Sefhare, Mme Alice Sitale a re go tokafala ga maduo a a dikole tse di potlana mo kgaolong eo a ngwaga wa 2023, ke sesupo sa boineelo le go dira ka natla.
Mme Sitale a re go ntsha maduo a itumedisang go tlhoka tshwaragano, ka jalo o rotloeditse batsadi go ema nokeng barutabana le bogogi jwa dikole.
O gateletse go re bana ba tlhoka kemo nokeng ya batsadi.
A re mathata a mangwe ke gore batsadi bangwe ba loba makoa kana diemo tse bana ba bone ba tshelelang mo go tsone mo go bakang go re bangwe ba tshware dithuto ka bonya.
E rile ba tsibogela dikgang tse, batsadi ba re ba tshwenngwa thata ke seemo se ba iphitlhelang ba le mo go sone sa go lopiwa go rekela bana dibuka le didirisiwa tse dingwe tsa thuto, seemo se ba tlhalositseng fa se ba imela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Maape/Ramokgonami
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Jan 2024