Breaking News

Puso e rarabolola tlhaelo ya metsi

21 Jan 2024

Mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang are puso e tsere tshwetso ya go aga lefelo le le phepafatsang metsi go tsibogela tlhaelo ya metsi.

Dr Tshabang o tlhalositse tshwetso e mo diphuthegong tsa kgotla kwa Senete le kgotlana ya Mabuwe kwa Nkange bosheng.

A re le fa metse ya kgaolo ya Nkange e le mo lenaneong la go sielwa metsi go tswa ka letamong la Ntimbale, metsi ao ga a ise a goroge kwa metseng mengwe.

Ka jalo are thulaganyo e dirwang ke ya go gogwa ga metsi go tswa kwa didibeng tsa Maitengwe go nosa metse ya Dagwi, Changate, Senete, Mabuwe le Maitengwe e mo nakong ya gompieno e tlhaelelwang ke metsi.

Dr Tshabang a re go agiwa ga lefelo le le phepafatsang metsi a tswang mo didibeng tseo go solofetswe go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya metsi mo metseng eo.

E rile a lekodisa ka tsa Palamente e fetileng, Dr Tshabang a re e fetisitse molao kakanyetso o itebagantseng le tsamaiso ya  tsheka tsheko ya molao o letlang basekisiwa go leta tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo.

O tlhalositse gore Batswana ba tswa kgakala ba lela ka kgang ya gore babelaelwa bangwe ba tswelela ka go dira ditiro tsa borukuthi fa ba fiwa sebaka sa go leta tsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo. 

Ka jalo are molao kakanyetso o fetisitsweng kwa Palamenteng o tsile ka diphetogo tse di arabang selelo sa setshaba.

A re molao kakanyetso oo, o tlaa letla go re pele ga mmelaelwa  a fiwa tletla ya go letela tsheko kwa ntle, motswasetlhabelo o tla fiwa sebaka sa go ntsha bosupi jo bo ka thusang lekgotla go tsaya tshwetso.

Dr Tshabang o tlhalositse gape gore molao kakanyetso o o itebagantseng le ba-na-le bogole o lemogile ga bangwe ba gataka ditshwanelo tsa bone, ba sa fiwe sebaka sa go akola mananeo a puso le a mangwe a go itokafatsa ka jalo puso e bonye go tshwanela gore molao o tokafadiwe.

A re ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go tshela jaaka mongwe le mongwe, go fiwa  tlotlo go re le bone ba nne le seriti mo setshabeng.

Mo go tse dingwe o ne a kopa balemi ba kgaolo ya gagwe go dirisa lenaneo la Temo Letlotlo, a ba gakolola go re ba inaakanye le balemisi go itse le go tlhaloganya ka lenaneo leo.

O ne a ba kgothatsa go nna tsebe ntlha, go sekegela tsebe se puso e se tsisang mabapi le temo ka go re sepe se puso e se dirang e a bo e dirile dipatlisiso go bona go re selo seo se ka nna le maduo.

Banni ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi mo motseng, ba bolela fa ba setse ba a nwa metsi kwa nokeng le fa a se phepa e bile a sa simaela botsogo jwa bone.

Ba ne gape ba lela ka tshenyo ya ditlou, ba re seemo se tsere phekelo e sele ka di setse di simolotse go dira tshenyo dijwalo di santse di mela.

Mothusa mokwaledi wa khansele ya Tutume, Mme Pedzani Mahama a re puso e ne e dirile maiteko ka go reka dikotsekara tse di neng di dirisiwa go isa baithuti kwa dikoleng.

Mme Mahama a re dikotsekara tseo di santse di le teng batsadi ba ka rulaganya go re baithuti ba go nna jalo ba thusiwe.

Ba-tsena phuthego eo ba ne ba supa fa bale bete se molangwana ka kgang ya tiriso ya dikotsekara go isa baithuti dikolong. 

Ba tlhalositse gore metlha ga se ya maloba ka jalo khansele e tle ka tlharabololo e botoka go thusa baithuti, ka gore tiriso ya sekotsekara e fetilwe ke nako.

Le fa go ntse jalo, Mme Mahama o ne a ba gakolola go re ba itse gore se ba se dirang ba sa kwadise bana ba ba tswang kgakala go re ba tsewe ka dikotsekara go ya sekolong e le go sokodisa bana le go ba tshedisa bokete.

A re tiriso ya dikotsekara e siame fela thata, a tlatsa ka go re di tsweletse ka go dirisiwa mo dikgaolong tse dingwe. 

Mme Mahama a re dikgaolo dingwe tse di tsweletseng ka go dirisa dikotsekara di setse di ikopetse tse di mo kgaolong ya Tutume ka di sa dirisiwe.

O supile gore dikotsekara tseo e ne e le tlharabololo ya nakwana go fefosa mosepele wa baithuti ba ba nnang kgakala go ya dikolong go santse go emetswe seemo sa itsholelo go re se tokafale go tla ka tshwetso ya sennela ruri. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Mabuwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2024