Banni ba Mabalane ba itumelela maiteko a puso
18 Jan 2024
Banni ba Mabalane mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba lebogetse maiteko a puso a go diragatsa ditlhabololo mo motseng wa bone.
Ba lebogile jaana mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Mopalamente Mabuse Pule ka Mosupologo.
Ba tlhalositse fa ba itumelela dipalo tsa babereki ba Ipelegeng tse di okeditsweng bosheng, ba supa fa ba tlaa kgona go tshetsa ba malwapa a bone ka lenaneo le.
Ba tsweletse ka go lebogela puso go bo e bone go le botlhokwa go ba gokelela motlakase, ba supa fa ba sa bolo go apesiwa kobo ka letshoba ke kgaogo ya motlakase e e diragala gangwe le gape ka ntlha ya gore motlakase o ba neng ba o dirisang o fetlhwa kwa Afrika Borwa.
Ba re jaanong ba tlaa kgona go inaakanya le dikgwebo tse di dirisang motlakase go intsha mo lehumeng go diragatsa maitlamo a puso a Vision 2036 a gore letlhoko le be le se yo mo Batswaneng gammogo le la tlhomo ntsha la go fetola ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng.
Mo go tse dingwe, banni ba ne akgolela puso go bo e fokoditse madi a theko le thekiso ya dijo tsa leruo mo nakong ya leuba.
Ba re phokoletso e e tlaa ba kgontsha go rekela leruo dijo mme ba kgone go itepatepanyana le diemo tse ba sa kgoneng go di laola tsa loapi.
Ba kopile mopalamente go ba kopela go okelediwa palo ya mapodisi a a berekelang gaufi le molelwane o o kgaoganyang Sikwane le Afrika Borwa ka ba itemogetse fa batswakwa ba tsena mo lefatsheng leno e se ka fa molaong e bile go tlodisiwa ditagi tse tiriso ya tsone e tshwentseng thata mono.
Rre Pule yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae a re puso ya Botswana e itlamile go isa ditlhabololo kwa Batswaneng mme e tlaa tswelela fela jalo go ya pele.
O supile fa puso mo dingwageng tse di kwa morago e ne e sa kgone go dira ditlhabololo di tshwana le kgokelo e e feletseng ya motlakase mo metseng ya kwa dinokeng ka puso e ne e amilwe thata ke segajaja sa COVID-19.
O tsweletse ka go re tsela ya Mabalane Ntswanalatheku e tshimolodiso ya yone e neng e solofetswe ngwaga o o fetileng e tlaa simolodisiwa ka Mopitlo.
A re tsela e e ne ya emisiwa ke mabaka a a faphegileng a ga rakonteraka mme a supa fa ditekeletso tsa metlhaba le tse dingwe tse di botlhokwa fa go dirwa ditsela di setse di dirilwe mo go yone.
Mopalamente Pule o kopile banni ba masimo a bone a bapileng le tsela go emisa mokgwa wa go atolosetsa masimo a bone ka bokukuntshwane kwa tsela e solofetsweng go dirwa teng, a re se se feletsa se tsisa tiego mo gore ngtsela e e dirwe.
Mo go tse dingwe o ne a kopa banni go tlhokomela leruo la bone gore le seka la tlolela kwa Afrika Borwa ka go tlhagogile bolwetse jwa tlhako le molomo teng.
A re bolwetse joo bo amile dikgaolo di le dintsi tsa lefatshe leo mme go na le kgonagalo e ntsi ya gore bo tlolele mono Botswana fa diphologolo tse di tlhako e mapara jaaka dikgomo le dinare di ka seke di tlhokomelwe sentle.
O boleletse banni ka molao o o fetisitsweng ke palamente o o sireletsang ditshwanelo tsa ba-na-le bogole.
A re molao o, o netefatsa gore ditshwanelo tsa bone ga di tsuololwe ke batho kgotsa puso.
Fa a amogela baeng, Kgosi Joseph Molefi wa Mabalane o lebogetse go bo puso e ba gadimile ka go ba tsenyetsa motlakase.
O ne a supa fa jaanong ditlhabololo tse dingwe tse di tlaa tlang di tlaa fitlhela ba setse ba gatetse pele.
O ne a kopa banni go loma sepodisi tsebe ka bogodu jwa megala ya metlakase jo bo ka diragalang.
O ne a rotloetsa banni go ikgobokanya ka digongwana go kgaola ditlhare tse di tlhogileng ka fa tlase ga megala ya metlakase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : MABALANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Jan 2024