Breaking News

Tiro ya kgokelo ya metsi e a wela

18 Jan 2024

Banni ba Dibete ba solofeditswe fa tiro ya go gokela metsi mo motseng e tlaa wela mo nakong e khutshwane.

Se se builwe ke moeteledipele wa khamphani ya metsi (WUC) ya Mahalapye, Rre Moetsiemang Monthe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso.

Rre Monthe o tlhalositse fa ba ne ba solofeditse banni gore tiro e tlaa wela  Tlhakole monongwaga, mme ga nna le dikgwetlho tse di bakileng tiego.

O supile fa ba tlaa gorosa metsi ka Moranang ka gore dikgwetlho di tlama gore ba sutise nako.

Rre Monthe a re ba aga kwa go pompiwang teng, ditanka tse tharo tse di tlaa bong di nosa Dibete, Mookane le Mmaphashala, fa tanka e nngwe e tlaa bo e le e e fokotsang bokete jwa metsi.

O tlhalositse fa tiro ya kgokelo ya metsi e dirilwe sekgala sa dikhilomithara tse di lesome le motso go ya Poloka, mme a solofetsa fa tiro e tlaa dirwa ka bofefo gore metsi a goroge ka nako e e beilweng.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Tshegofatso Desert o lebogetse ba Water Utilities tiro e ba e dirang.

A re ba tshwenyegile ka seemo sa sekole sa Mookane ka gore bana ga ba a sireletsega ka go se na terata le mabati kwa matlong a boroko, mo go dirang gore bana ba senyediwe e bile go ba baya mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke batho.

Mme Desert o kopile gore badirelapuso ba agelwe matlo a boroko.

Fa a tsibogela tsa botsogo, mogolwane wa kokelo ya Mahalapye, Dr Kagiso Tshegetsang o supile fa kago ya kokelo kwa Dibete e fedile, go setse fela go tsenngwa tanka ya metsi e a solofeditseng fa kgwedi e e tlang e tlaa bo e fedile.

Dr Tshegetsang a re kago ya matlo a bodiredi jwa botsogo a a some, e e tlaa tsayang dikgwedi tse di ferang bongwe, go solofetswe gore e bo e wetse Ngwanatsele.

O tlhalositse gape fa kokelo e e belegelang e ise e simolole go agwa ka gore ba na le kgwetlho ya setsha.

A re fa e tshwanetseng go nna teng go na le batho, ka jalo ba santse ba le mo dipuisanyong mme go tlaa dirisiwa dikamore tse dingwe tsa kokelo e e teng go thusa batho, go sa ntse go emetswe kwa go belegelwang teng.

Rre Lesaso o supile fa a itse ka tlhaelo le tshenyego e e kwa sekoleng se segolwane sa Mookane mme go na le thulaganyo ya gore se baakanngwe.

O kopile batsadi go gakolola bana go somarela didirisiwa le dikago tsa sekole gore ba ba tlang kwa morago ba kgone go di dirisa.

Mopalamente o solofeditse banni fa matlo a mapodisi a tlaa baakanngwa, a bo a supa fa Dibete a tlhoka ditlamelo tsotlhe ka gore o mo tseleng, batho ba ka bona thuso motlhofo fa ba na le diemo tsa tshoganetso.

Rre Lesaso o supile fa a sa itumedisiwe ke maduo a sekole se sebotlana sa Poloka , a supa fa se gatisitse 12.8 per cent, le ngwaga o o fetileng se ne se ntse se sa dira sentle ka 10 per cent.

O tlhalositse fa sekole se solofelwa go pasa ka 80 per cent, mme mo kgaolong ya gagwe go se na sepe se se fitlheletseng seelo seo mo dikoleng tsa puso.

Mopalamente o kopile batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana.

A re maduo a ga a supe fa bana ba na le bokamoso jo bo ka fetolang matshelo a bone.

O ba rotloeditse go fa bana nako le lerato gore ba seka ba nna le letshogo le le feteletseng fa ba tsena mo bathong.

A re batsadi ba tlhole gore bana ba dira jang kwa sekoleng, ba seka ba emela gore nako ya ditlhatlhobo e goroge pele ba bo e le gone ba badisang bana.

Mogokgo wa sekole sa Poloka, Mme Mosetsana Bathangwane o tlhalositse fa bontsi jwa batsadi ba ikgatholositse sekole, ba sa tlhole gore bana ba dira jang le gore go ka dirwa jang gore maduo a tokafale.

A re bana ga ba tsene sekole sentle mme batsadi ga ba  supe fa ba kgathala.

Mogokgo o rotloeditse batsadi go rata bana ba bone le go netefatsa gore ba dira tiro ya sekole sentle ka nako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Fati

Location : DIBETE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jan 2024