Breaking News

Ba tlhalosediwa ka kadimano masimo

18 Jan 2024

Ba ba adimang masimo ka lenaneo la Temo Letlotlo ba lemotshitswe fa lebaka la kadimo le laolwa ke seemo sa tshimo ka nako ya fa e adimanwa.

Mookamela balemisi ba kgaolo ya Moshupa, Rre Kgakololo Bafaletse o boleletse banni ba Mogonye kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Moshupa/Manyana, Rre Karabo Gare ka Laboraro gore tshimo e e ageletsweng e ka adimanwa sebaka sa dingwaga tse tlhano go ya kwa godimo.

A re fa tshimo e sa agelelwa e ka adimanwa dingwaga tse di seng ka fa tlase ga lesome, mme yo o e adimang o tlamega go e agelela gore a kgone go akola lenaneo la Temo Letlotlo.

Rre Bafaletse o tlhalositse fa banyalani le bone ba letlelesega go adimana masimo, mme fa ba dirile jalo mongwe le mongwe wa bone o letlelesega go ikopela dithuso tsa lenaneo la Temo Letlotlo.

A re mo mabakeng ao, yo tshimo e leng mo maineng a gagwe o direla molekane wa gagwe mekwalo e e tlhokegang ya kadimano mme ba angwe ke melawana e e laolang go adimana masimo fela jaaka mongwe le mongwe.

Mo kgannyeng ya ba ba thusiwang ka bontlha bongwe jwa ditshenyegelo tsa lenaneo e leng ba ba nang le letseno le le fetang P4 000 ka kgwedi, Rre Bafaletse o supile fa ba sa tlamege go duela sekoloto sa bone kgwedi le kgwedi.

A re e re ka maikaelelo a lenaneo e le gore balemi ba ntshe thobo go ka rekisa, thulaganyo ke gore ba duele dikoloto tsa bone tsa lenaneo gangwefela mo ngwageng fa ba sena go rekisa thobo ya bone.

O ba tlhaloseditse gore fa dibetso tsa tlholego di akaretsa pula e e boutsana di ka ama temo mme molemi a tswe a iphotlhere, sekoloto sa gagwe se tlaa phimolwa ka jaana puso e se sireleditse.

Mo potsong ya gore molemi yo mmotlana yo o kgonang go lema ditema tse di fetang tse nne tse a ka di lemelwang ka lenaneo o ka thusiwa jang, Rre Bafaletse o kaile gore tumelo ya lenaneo ke gore botlhe ba ba beilweng mo setlhopheng se se lemelwang ntle le go lopiwa seabe sepe ke ba ba senang bokgoni gotlhelele jwa go ka lema go feta ditema tse nne tseo.

Le fa go ntse jalo, a re balemisi ba filwe boikarabelo jwa go sekaseka seemo sa molemi mongwe le mongwe go kala mohuta wa dithuso o a o tlhokang.

Mo go reng masimo mangwe a magologolo ga a na ditlankana go ka baya beng ba one mo tshiamelong ya go dirisa lenaneo la Temo Letlotlo, Rre Bafaletse a re balemi ba tshwanetse go isa dikopo tsa ditlankana kwa makgotleng a kabo-ditsha mme mo ikopelong ba tlhalose fa ba batla go kopa dithuso tsa lenaneo.

Rre Pilane Morokotso go tswa kwa lekgotleng le lebotlana la kabo-ditsha la Moshupa, o ne a supa fa maranyane a ikwadiso ya balemi a Temo Letlotlo a tlhoka gore go supiwe bogolo jwa tshimo mme seo e le se se ka bonwang mo setlankaneng.

A re go tsibogela seemo se, lekgotla le boloditse letsholo gore le aname le kgaolo le mete masimo a go nna jalo gore baikopedi ba kgone go tsena mo lenaneong la Temo Letlotlo bokgola bo ise bo ba sie.

Monni wa Mogonye, Rre Collen Thobega o ne a boditse gore ba ba nang le bokgoni jwa go lema go feta ditema tse nne mme ba le mo setlhopheng se se thusiwang ntle le go ntsha sepe ba ka thusiwa jang.

Rre Ogopoleng Israel ene o ne a boditse gore go dirwa jang ka masimo a bogologolo a a senang ditlankana a bontsi jwa one beng ba one ba sa tlholeng ba le mo botshelong.

Phuthego eo ya kwa Mogonye e ne e le nngwe ya tse tharo tse Mopalamente Gare a neng a di buisa kwa kgaolong ya gagwe ka Laboraro, e tlatsa tsa kwa Manyana le Bikwe.

Rre Gare o mo loetong lwa go lekola kgaolo ya gagwe go aragona le banni tse di builweng kwa phuthegong e e fetileng ya Palamente. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : MOGONYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Jan 2024