Tsela ya Tutume-Maitengwe e tlaa dirwa
18 Jan 2024
Banni ba kgaolo ya Nkange ba tlhomamiseditswe fa tsela ya Tutume-Maitengwe e tlaa dirwa morago gore rakonteraka a phuaganye tiro ya tsela eo.
Mopalamente wa Nkange, Dr Never Tshabang o boletse jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di tshwere kwa Nkange le Changate ka Labobedi.
A re seo se netefaditswe ke Tautona fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Maitengwe bosheng. Go dirwa ga tsela eo go tlaa akaretsa le ditsela tse di fapogang mo go yone, e e yang Changate le e e yang Dagwi tse di ntseng e le tsa lekgarapana.
Seo, go ya ka mopalamente se tlaa araba dilelo tsa banni ba metse ya Changate le Dagwi ka ditsela tsa bone di ntse di le mo seemong se se sa siamang.
Mo go tse dingwe, Dr Tshabang o boletse fa madi a constituency community project a tlaa dirisiwa go aga ditsela tse di yang dikoleng tse di mo kgaolong, a supa fa bontlha bongwe jwa tiro eo bo setse bo simolotswe.
O boletse fa puso e sa jesiwe diwelang ke mokgwa wa beng ba dikonteraka ba ba phuaganyang ditiro le ba ba gogagoganang kwa makgotleng a ditsheko morago ga go ajwa ga ditiro.
A re mokgwa oo, o dia go tswelelapele ga ditlhabololo e bile ditlamorago tsa teng di ama batho ba ba tshwanetseng go akola ditlamelo tseo.
Dr Tshabang o ne a gwetlha banni go nna matlho a puso mo go lwantsheng tshenyetso setshaba.
A re ditiro dingwe ga di fele ka lebaka la go dira dilo ka tshokamo ke ba ba neetsweng boikarabelo.
Banni ba metse eo ba ne ba kgala ba menne phatla badirelapuso ba kgaolo ya Tutume ba re ba boitseme e bile ba ganelela kwa diofising fela ga ba tswele kwa ntle go tlhalosetsa batho ka ditirelo tsa bone.
Ba ne gape ba lela ka tiego ya go duela babereki ba lenaneo la Ipelegeng ba re go tsaya kgwedi go bona dikatso. Ba re gape tiriso ya e-wallet e ba beile ka fa mosing, bogolo jang bagolo ba ba sa itseng go bala le go kwala.
Mogolwane kwa khansele ya Tutume, Mme Pedzani Mahama a re tiego ya go duela babereki e bakwa ke bonya jwa maranyane le tlhaelo ya bodiredi.
A re ba leka ka bojotlhe go baakanya seemo seo.
Mme Mahama o ne a bolela fa tiriso ya dituelo ka cheke e emisitswe ngogola o ya fifing.
Ka jalo a re khansele e simolotse go dirisa e wallet le Orange Money go ba tsenyetsa madi mo go tsone.
A re poso e ne e ba turela mme ba bona go le botoka go dirisa e-wallet le Orange Money go duela babereki ba Ipelegeng.
Kwa Changate banni ba ne ba kopa mopalamente gore letsholo la mapodisi la KgomoKhumo le fetele kwa kgaolong ya bone go lwantsha bogodu jwa leruo.
Monni wa Changate, Rre Jerry Sabata ene o ne a ngongoregela bonya jo bo dirwang ke ba lekgotla la kabo-ditsha go aba ditsha tsa bonno.
Rre Sabata a re ba setse ba tsofalela mo malwapeng a batsadi ba bone, selo se a kaileng se tsisa dikgotlhang mo malwapeng, ka jalo a kopa tona yo o maleba go tsibogela dilelo tsa bone.
Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a banni, Mopalamente Dr Tshabang o kopile badirelapuso go ititaya ka thupana go bona gore ditlamelo di goroga kwa bathong le go ba lekodisa ka mananeo a puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : NKANGE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Jan 2024