Ba gakolotswe go ikwadisetsa lenaneo la Temo Letlotlo
17 Jan 2024
Banni ba Pilikwe le Mhalapitsa kwa kgaolong ya Tswapong Borwa ba rotloeditswe go dirisa tshwanelo ya bone ya molao-motheo go ikwadisetsa ditlhopho.
Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o tlhalositse mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo fa dipalo di supa gore Batswana ba bonya go ikwadisetse ditlhopho.
A re go supega fa banana ba gogea dinao mo ikwadisong e e simolotseng Hirikgong a le malatsi a le matlhano mme e wela Tlhakole a tlhola gararo.
Dr Gobotswang a re botlhokwa jwa go ikwadisetsa ditlhopho ke gore batlhophi ba itlhophela baiteledipele ba ba ba ratang.
O ne gape a gwetlha banni go ikwadisetsa lenaneo la Temo Letlotlo, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore ba ikwadise, ba supe dikgwetlho tse ba kopanang le tsone gore di tle di baakanngwe.
Mopalamente Gobotswang a re le fa Temo Letlotlo e tsile morago, go botlhokwa gore ba e dirise, ba ikwadise gore fa ba sa kgona go lema ka yone ngwaga o, o o tlang ba bo ba ipaakantse.
O ba rotloeditse go dirisanya le balemisi gore ba ba rute le go ba fa dikgakololo ka tsamaiso ya lenaneo.
Mopalamente o supile fa a letshwenyegile ka maduo a a kwa tlase a lekwalo la bosupa a sekole se sebotlana sa Pilikwe, a bo a akgola sa Mhalapitsa a re le fa ba sa fitlhelela maitlamo a lephata la thuto a 80 per cent, ba dira botoka.
A re tshwaragano ya batsadi le barutabana e ntsha maduo, ka jalo a gwetlha batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana.
Mogolwane wa balemisi wa kgaolo ya Mahalapye, Rre Frederick Rantsho ene o gakolotse balemi go lema ka tsela epe fela e ba ka e kgonang mme ba seka ba kgojwa marapo ke dikgwetlho tsa Temo Letlotlo.
Rre Rantsho a re batho ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba tswa kgakala le temo, ka jalo a ba gwetlha go inaakanya le lenaneo le lesha, go tlhabolola temo ya bone.
Rre Rantsho o ne a ba rotloetsa gore fa ba lema, ba dirise dijwalo tse di bogadi bo gaufi a bo a ba rotloetsa go dirisa dipeo tse di boelediwang e seng mmoulo gore ba ipeele.
Mokhanselara wa Pilikwe/Maape/Mhalapitsa, Rre Kebadirile Ngongorego o buile ka seemo se se sa nnang sentle sa sekole se segolwane sa Radisele.
A re matlo a boroko jwa bana ga a na mabati le matlhabaphefo a thubegile.
Rre Ngongorego a re selelo se sengwe se kwa sekoleng se segolwane sa Mokgalo kwa Lecheng kwa bana ba se nang materase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PILIKWE/MHALAPITSA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Jan 2024