Breaking News

Puso e ititeile sehuba go tshegetsa maitlamo

17 Jan 2024

Puso e ititeile sehuba go tshegetsa maitlamo le maikemisetso a yone a go tlotlomatsa le go godisa seabe sa Batswana mo itsholelong ya lefatshe la gagabo.

Mopalamente wa kgaolo ya Moshupa-Manyana Rre Karabo Gare a re puso tlaa fitlhelela maitlamo a a yone ka go dira melao e e sireletsang dikeletso tsa Batswana, ga mmogo le go tla ka mananeo a ka one beng-gae ba ka tsenyang letsogo mo go itlhabololeng le go ema nokeng phatlhogo le kgolo ya lefatshe la bone.

Rre Gare, yo a leng tona wa merero ya tsa bogwebi, a re molawana wa go akaretsa Batswana mo itsholelong wa Citizen Economic Inclusion Act ke mongwe wa e puso e ikaeletseng go tsenya itsholelo mo diatleng tsa Batswana ka yone.

A re dikgato tse dingwe jaaka ya thibelo ya merogo le maungo mangwe go tsena mo Botswana di tshwanetse tsa engwa nokeng ka maikaelelo a tsone e le go nonotsha Batswana go ka itirela dijo, selo se a tlhalositseng fa gape se fokotsa bokete jwa madi a lefatshe leno le ntseng le a dirisa mo thekong ya merogo le maungo kwa mafatsheng a mangwe.

Mo ntlheng e nngwe, Mopalamente Gare o itsesitse banni ba Lotlhakane West fa go tlaa tlhongwa lekgotla le le tlaa bayang leitlho mhama wa theko le thekiso ya nama la Meat Industry Regulatory Authority (MIRA).

A re tiro kgolo ya MIRA e tlaa nna go tlhomamisa gore mhama o o tsamaisiwa sentle, a re gape lekgotla le le tlaa tlhomamisa gore barui ga ba jewe ntsoma.

Go sale foo, Rre Gare o ne a ikuela mo bananeng go tsaya ka tlhoafalo mananeo a puso a a diretsweng go ba tlhabolola le go ba thusa go iphetlhela khumo.

A re go nna maoto a tshupa ga banana go a tshwenya ka go ba rontsha tshwanelo ya go nna le seabe se se bonalang mo itsholelong.

Banni ba Lotlhakane West ba ne ba itela mo mopalamenteng ka lenyora le le ba jesetsang mo kgobedung.

Kgosi Motlalemang Moloinoga wa motse oo o ne a tlhalosa fa ba tshelela mo lenyoreng le le botlhoko, a re le fa gone Water Utilities Corporation (WUC) e tlhomile ditanka tsa metsi mo motseng tse e di tshelang ka dikoloi, ga go a lekana.

A re maiteko ao a WUC ga a kgone go thusa motse otlhe ka dikarolo tse dingwe tsa one di kgona go tlhoka go bona metsi.

Modiri wa WUC kwa Moshupa Rre Keabetswe Matlhaku o ne a amogela fa go na le bothata jwa tlhaelo ya metsi kwa Lotlhakane West.

A re WUC e tsweletse ka go batla ditsela tsa go rarabolola seemo se di akaretsa go katololwa ga sediba se se kileng sa bo se nosa motse oo se mo nakong eno se katesegetseng.

Mo ngongoregong ya tlhaelo ya baoki, mogolwane go tswa District Health Management Team (DHMT) Mme Kefilwe Disele o ne a supa fa e le boammaaruri kgaolo ya Moshupa e tlhaelelwa ke badiri ba botsogo.

A re baoki ba tlogela tiro ka dipalo tse di kwa godimo go ya mafulong a matalana.

O ne mo ntlheng e nngwe a tlhotlhomisetsa banni fa kokelwana ya bone e na le koloi e e rwalang balwetse le fa mo nakong eno e santse e seyo ka e senyegile mme e ile go baakanngwa.

A re kokelwana ya motse oo e batletswe koloi e nngwe e e tlaa bong e e dirisa go fitlhelela ya yone e tla. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : LOTLHAKANE WEST

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Jan 2024