A re gateleng pele - Matenge
17 Jan 2024
Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o gakolotse Batswana go betla ditsela tse di ka ba kgontshang go gatela pele.
A re go botlhokwa gore Batswana ba kope Modimo go ba thusa gore ba nne le mowa wa tlotlano, lorato, Botho le gone go fetola maikutlo, dikakanyo le ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng.
Kgosi o tshwaetse jalo a amogela baeng mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi kwa Matenge kgwedi eno e le lesome le botlhano.
Kgosi Matenge a re lefatshe leno ke la Motswana mongwe le mongwe, ka jalo go botlhokwa gore tshaba ya lone e tshwaragane e sekaseke le go lebelela tse di ka dirwang go ya pele.
A re fa go na le tsa pele tse di sa tsamayang sentle, di tshwanetse tsa dirisiwa go ipaakanya mme go bo go lebalwa ka tsone, go tlhongwa matlho mo go tse di ka isang lefatshe golo gongwe.
O kopile gore makgotla a Setswana a neelwe tlotla e e a tshwanetseng, ka e le one pinagare ya ditlhabololo, kwa merafe e phuthaganelang teng go abelana le go neelana maele a go tlhabolola metse ya bone.
A re dikgotla di tshwanetse go nna le tsotlhe tse di ka thusang go tlotlomatsa serodumo sa tsone, ka jalo a ikuela mo mopalamenteng ka go tlhoka koloi, badisadikago le mophepafatsi wa kgotla.
A re ga go a lebana gore dikgotla di tlhoke badisadikago ba ba ka sireletsang dithoto tsa puso.
Mo tekodisong ya botsogo jwa motse, motshwara madi a komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Andrew Matenge o lebogetse ditlhabololo le ditlamelo tse di dirilweng mo motseng, mme a kopa tse di santseng di saletse kwa morago.
O supile boitumelo jwa go bo sekole sa bone se sebotlana se dikile se ntshitse maduo a a nametsang a lokwalo lwa bosupa, a leboga barutabana le batsadi mo tirong e ntle e ba e dirileng.
O supile fa tsela e e tswang fa sekoleng e ya kwa tseleng ya Makaleng-Gulubane e le maswe, e tlhoka go potlakelwa, a supa gape fa motse o farafarilwe ke letlhoko la matlo a boroko jwa badirelapuso.
O bile a kopa gore go dirwe dipaakanyo mo diofising tsa kgotla, a bolela fa diofisi dingwe di tlhasetswe ke motlhwa.
Banni ba Matenge ba ne ba nna le sebaka sa go itekodisa mopalamente.
Ba supile tlhobaelo ya go bo mokhanselara wa kgaolwana ya Makaleng a sa tlhole a ba etela, morago ga gore thulaganyo ya bosheng ya kgaoganyo melelwane ya botlhophi ya bokhanselara e supe fa motse wa bone o ntshitswe kwa kgaolwaneng eo.
Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Moabi o ne a tlhatlhelela banni ka melawana mengwe e e fetisitsweng ke palamente, a bo a ba tshepisa go latedisa le go fetisetsa dingongora dingwe tsa bone kwa maphateng a a lebaneng.
Mo go tse dingwe, o ba itsesitse fa selelo sa tlhaelo ya lefatshe se ba tswang goolowe ba se lela se tlaa kgaotsa, ka janna puso e sa tswa go dira dithulaganyo tsotlhe tse di tlhokafalang go ntsha lefatshe lengwe le le mo kgaolong eo mo diatleng tsa Tati Company.
A re lefatshe leo le tlaa tsena mo diatleng tsa Batswana go rarabolola thaelo ya lefatshe kwa Bokone Botlhaba.
O gakolotse banni go ikwadisetsa ditlhopho tsa setshaba tsa monongwaga ka dipalo tse di kwa godimo, mo ikwadisetsong ditlhopho e e tsweletseng.
A re go dira jalo go tlaa ba fa sebaka sa go itlhophela puso le baemedi ba dipelo tsa bone kwa khanseleng le kwa palamenteng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MATENGE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Jan 2024