Tautona o rotloetsa Batswana go ikwadisetsa ditlhopho
16 Jan 2024
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o gwetlha Motswana mongwe le mongwe wa dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo, a na le Omang yo o mo tirisong go ikwadisetsa ditlhopho.
Tautona a re go ikwadisa ke matlhogolatsela gore e re fa ditlhopho di bidiwa, yo o lekanyeng go tlhopha a bo a na le tse di tshwanetseng, tse di mo letlang ka fa molaong go tlhopha a bopa puso e a e batlang.
O supile gore ditlhopho tsa setshaba tsa monongwaga ke tsa bolesome le boraro go tshwarwa, mme di dirwa jalo ka tsamaiso ya puso ya batho ka batho.
O tlhalositse gore puso ya Botswana e bopiwa ka mokgwa o o tletseng thitibalo go dirisiwa tsamaiso ya puso ya batho ka batho, e e letlang diphathi tsa sepolotiki go ipapatsa di gololesegile.
“Ke rapela gore ngwao e, le mokgwa o, re seka ra di latlha, re di nonotshe ka go di nosetsa, re nonotsha lefatshe la rona le go kitlana ga batho ba rona, gore e re re opela re re re Batswana re be go raya sengwe se se wetseng,” Tautona o tlhalositse jalo.
Tautona Masisi a re go dibela puso ya batho ka batho go tlaa dira gore Motswana a tsamae a ntshitse phega, a ikgantsha ka Botswana kwa go nang le motlhala le mokgwa o o eletsegang teng.
“Ke sone se Rre Kgalemang Motsete a neng a bua ka sone fa a tlaa kwala mafoko a pina ya rona ya setshaba.
Go tuma ga rona go tshwanetse ga tswa mo go tse re di dirang tsa go ikagela puso ka tsamaiso ya puso ya batho ka batho nako le nako,” ga tlhalosa Tautona Masisi.
A re serodumo sa lefatshe la Botswana le tlotlo di tlhoka Batswana go di dibela.
Ka jalo a re go botlhokwa gore mo mosepeleng wa go baakanyetsa tsamaiso ya go bopa puso, go seka ga kgopakgopediwa ope.
Dr Masisi o gakolotse gore ka letsatsi la ditlhopho go seka ga nna ope yo o ka bonwang kwa matlhophelong a le mo kaparing ya mebala ya phathi epe e e emetseng ditlhopho, kana go dira sepe fela se se tsamaelanang le ipapatso.
O gateletse gore le morago ga go tlhopha, lekgotla la IEC le fiwe tshwanelo ya go ntsha maduo a a tlhomameng.
“Re seka ra itirela maduo ka gore a ka tsenya batho tsebetsebe ba sa itse gore ba dumele afe,” Tautona a tlhalosa.
O tsweletse a re go tlaa nna le balebeledi go tlhomamisa gore tsamaiso e salwa morago, bangwe e le baemedi ba diphathi, ba makgotla a a ikemetseng le ba ba tswang kwa mafatsheng a sele.
O gateletse gore babega dikgang ke ba-tsaya karolo mo go tlhomamiseng gore dilo di dirwa ka fa molaong.
“Le bolele fa e le gore go na le phapang e e tlhokang go kgalemelwa gone foo, go sireletsa tsamaiso ya ditlhopho.”
E rile a buisa babegadikgang morago ga go ikwadisetsa ditlhopho ene le mohumagadi Mme Neo Masisi, Tautona Masisi a re lekalana le le tsamaisang ditlhopho la IEC le filwe boikarabelo jwa go rulaganyetsa ikwadiso le go tsamaisa ditlhopho le sa kgorelediwe ka gope.
O tlhalositse gore go botlhokwa gore ba ba emetseng ditlhopho ba amogele maduo jaaka a ntse.
O gateletse botlhokwa jwa go sala molao morago le gore mofenyi o tshwanetse a fiwa thotloetso gore a kgone go busa ka tshosologo.
“Nna ke tlaa itshupa ke le sekao. Fa a le teng yo o ka mphenyang ke tlaa nna wa ntlha go mo atla ke bo ke bega gore ke tlaa bereka le ene gore re neelane go le kagiso le go solofetsa gore go tlaa nna thitibalo.
Mme le bone ke ba kopa jalo, gore a tsa maloba e nne tsa maloba, re tlhoma lebelo sesha,” ga tlhalosa Tautona Masisi.
A re go botlhokwa gore babegadikgang ba anamise tsamaiso ya ditlhopho, segolo bogolo ba gatelela botlhokwa jwa go sala tsamaiso morago.
“Bolelelang batho gore re mo lefatsheng le le busiwang ka molao motheo; go busa yo o tlhophilweng ke batho ba bantsi.” Tautona Masisi a re se se tshwenyang mo kgaolong ya Afrika o ka re go na le mokgwa wa go itebala babusi ba gana go suta, ba batla go se kotama le fa nako ya bone ya go busa e kgabagantse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MOSHUPA
Event : Ikwadiso ditlhopo
Date : 16 Jan 2024