Bogosi ga bo amane le sepolotiki
16 Jan 2024
Magosi a tshwanetse go iphapha mo dikgannyeng tsa sepolotiki go itsa ketsaetsego mo morafeng.
Se se builwe ke mothusa kgosi wa Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi kwa bokopanong jwa dikgosi jo bo neng bo rulagantswe ke mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng ka Mosupologo.
Kgosi Mhaladi a re magosi ga a a tshwanela go inaakanya le tsa sepolotiki ka jaana e le bone baeteledipele ba tetlanyo ba ba tshwanetseng go bereka ba sa tseye letlhakore.
“Ke buisiwa se ke gore go mo dipaakanyetsong tsa ditlhopho, ka jalo nnang podi matseba le seka la iphitlhela le raelesegile,” ga bua Kgosi Mhaladi.
A re magosi ke one a a thusang mo tshwaraganong ya motse go fenya diemo tsotlhe tse morafe o kopanang le tsone.
O tlhalositse fa a tshwenngwa ke gore seemo sa dipolao tse di sa tlwaelesegang tse batho ba tsewang dirwe e setse e nna selo modiro mo motseng.
“Se ke selo se se botlhoko, a re itshekatshekeng mo dikgotleng tsa rona ka gore fa go diragala matlho a leba boeteledipele,” ga tlhalosa Kgosi Mhaladi.
A re o itse gore sengwe sa dilo tse di ka fokotsang masula a a tsweletseng ka go gola ke fa boeteledipele le banni ba motse ba ka nna seopo sengwe.
Fa a tswa la gagwe, Rre Regoeng o boletse fa diemo tse di diragalang mo Molepolole di ka senya seriti sa motse, ka jalo a re boeteledipele bo tshwanetse go kgalema diemo di ise di golele pele.
“Fa go nna le diemo mo motseng a boeteledipele bo ntshe lentswe go itsa go tsisa boitlhobogo le dikgoberego mo morafeng,” ga bua Rre Regoeng.
A re nngwe ya seru se se apesitseng motse wa Molepolole ke tiriso botlhaswa ya ditagi e e setseng e baka maitshwaro le mokgwa o o sa eletsegeng mo bananeng.
O ne a tswelela a kopa magosi go tshwaragana le batsadi go tsisa kgalemo mo baneng, a re seo se ka thusa go tsisa boitshwaro.
O kaile fa go ruta bana boitshwaro jo bontle go ka thusa gore ba tsepame mo dithutong tsa bone.
Go sale foo, magosi ba supile fa ba sa itumelele sebaka se ba lephata la kabo ditsha ba se tsayang mo go beyeng ditsha mo kgaolong.
Ba re ba buisiwa seo ke gore ditlhabololo di tsaya sebaka go goroga mo dikgaolong tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : bokopano jwa dikgosi
Date : 16 Jan 2024