Puso e okeditse dipalo tsa Ipelegeng
16 Jan 2024
Mopalamente kgaolo ya wa Lerala/ Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele a re puso e okeditse dipalo tsa Ipelegeng gape ka 10 000 mo godimo ga 10 000 yo go neng go okeditswe ka ene Botswana jotlhe ngogola. Koketso ya monongwaga ke ya dikgwedi tse thataro, go simologa Firikgong go fitlhelela Seetebosigo.
A re go dirilwe jaana go sena go lemogwa gore seemo sa leuba ga se ise se kokobele.
Rre Modukane o supile fa mananeo a mangwe a a tshwanang le la go fokotsa ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo a tlaa tswelela go fitlhelela seemo se tokafala.
O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla ka Labone kwa Maunatlala a ile go lekola banni.
Rre Modukanele a re mo go tswelediseng go thusa Batswana, puso e ne ya simolola lenaneo la Temo Letlotlo le Batswana ba tsweletseng ka go le ikwadisetsa.
A re ka lenaneo la Temo Letlotlo e le gone le simologang, bangwe ga ba ise ba le tlhaloganye mme go tlhokega gore ba kope thuso mo balemising ka gore lenaneo lengwe le lengwe fa le simolola, le nna le dikgwetlho mme go sa reye gore ga le a siama.
Rre Modukanele a re le fa bangwe ba supa fa lenaneo le tsile thari, ba tswelele ka go ikwadisa ba se ka ba ineela ba tloga ba lebela lenaneo mo go ba bangwe.
O ne a tlhalosetsa banni fa Temo Letlotlo e kgaoganya batho ka fa ba tshelang ka teng mme bontsi jwa Batswana ba tlaa le akola mahala, ka jalo ba seka ba etsaetsisiwa ke sepe.
Rre Modukanele a re pele go ne go pitikololwa mmu go lengwa fela molemisi a bo a meta selekanyo sa bolemo mme gompieno puso ya re molemi a bo a le teng a bone gore a ka boammaaruri motho o lemetswe le gore a dipeo di tsene mo mmung.
A re Temo Letlotlo e fa molemi boikarabelo jwa gore e nne ene a nnang le lefoko la bofelo mme a duele molemi a sena go wetsa tiro.
O kopile balemi ba kgaolo ya gagwe go dirisa mananeo a puso ba seka ra diiwa ke dipuo tsa batho tse di kgalang lenaneo mme bone ba le dirisa.
A re go tlaa nna le dingwe tse di tlaa nnang di baakanngwa lenaneo le ntse le tsweletse mme a gwetlha Batswana go tlhoafalela go itirela dijo, bogolo jang ka mananeo a tshwana le la Temo Letlotlo.
Rre Modukanele o ne gape a rotloetsa banni ba kgaolo ya Lerala/Maunatlala go ikwadisetsa ditlhopho gore ba tlhophele puso e ba e batlang.
A re thulaganyo ya go ikwadisetsa ditlhopho e ne e tshwanetse go nna mo ngwageng o o fetileng mme ka mabaka a gore go ne ga nna le kgang kwa kgotleng ya ditsheko, e ne ya tlosolosediwa mo ngwageng ono.
Mopalamente a re molao- motheo wa lefatshe leno o supa fa ditlhopho tsa lefatshe di nna ka kgwedi ya Phalane mme go ikwadisetsa ditlhopho e le yone tsela ya gore ba tle ba tlhophe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MAUNATLALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jan 2024