Mopalamente o lekodisa morafe ka melao e mesha
16 Jan 2024
Banni ba Mosolotshane kwa kgaolong ya Shoshong ba lekodisitswe ka molao wa ba-na-le bogole o o tlaa netefatsang gore ga ba kgethololwe ka seemo sa bone e bile ga ba kgokgontshiwe mo Setshabeng.
Tekodiso e, e dirilwe ke mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso kwa phuthegong ya kgotla ka Labotlhano kwa Mosolotshane.
Rre Lesaso o supile fa molao o o tlaa sireletsa ba-na-le bogole o bo o letla gore mananeo a a tlhabololang batho le bone ba a akole, ba lemogwe ba bo ba nne le ditshwanelo tse di tshwanang le tsa batho botlhe.
O tlhalositse fa molao o supa fa ba-na-le bogole ba sa tshwanela go kgorelediwa go gola mo tirong le dikitso tsa bone.
A re ba tshwanetse go neelwa sebaka sa go bereka mo diofising ba bo ba tlhofofalediwa go ka tsena le go tswa fa ba berekelang teng fa e le ba ba dirisang dikolotsana.
Rre Lesaso a re ba tshwanetse go neelwa thuto mo go maleba, a bo a rotloetsa batlhokomedi go ba ntshetsa mo pontsheng gore ba kgone go akola ditshwanelo tsa bone.
O boletse fa bangwe ba ba-na-le bogole ba fitlhwa mme se se ba itsa go bona dithuso tse ba di tlhokang le go akola mananeo a a ba lebaneng.
O tlhalositse fa molao o supa fa ope yo o tlaa kgokgontshang mo-na-le bogole a tlaa otlhaiwa.
Mopalamente o ne a supa gape fa babereki ba tlaa okelediwa dikatso.
O tlhalositse fa babereki ba mo malwapeng le badisa, dikatso tsa bone di tlaa simolola ka P1 500 e le tsone dituelo tse di kwa tlase fa babereki ba puso ba maemo a a kwa tlase ba tlaa simolola ka P2 500.
O supile gape fa bomme ba ba batlang go gweba ka mmele ba sa letlelelwe ka fa molaong ka gore seo se ka nyenyefatsa seriti sa lefatshe.
Rre Lesaso o tlhalositse fa molao o supa fa ope yo o tlaa thubetsang ngwana wa dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bobedi, bagolo ba dingwaga tse di masome a supa le go feta le ba-na-le-bogole, ba tlaa atlholelwa leso.
O tlhalositse fa go otlhaya bana ka thupa kwa dikoleng le gone go boela mo tirisong mme a supa fa bana ba tlaa otlhaiwa go sa gatakwe ditshwanelo tsa bone.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Tsietsego Molefhe wa Mosolotshane o supile ngongora mabapi le metsi a a letswai mo motseng.
Kgosi Molefhe o tlhalositse fa metsi a a sa siamela botsogo.
Kgosi o ngongoregile gape ka letlhoko la dikoloi tsa boipelego le kgotla a re le baka gore tiro e seka ya dirwa sentle.
Fa ba akgela, banni ba ne ba ngongorega ka seemo sa sekole se segolwane sa Mothamo.
Ba supile fa seemo sa sekole se sa itumedise, ba re bana ga ba nne sentle, fa pula e na dikobo le dibuka di a koloba.
Ba kopile gore seemo seo se baakanngwe ka gore se ama ditlhaloganyo tsa bana go bo go isa maduo kwa tlase.
Ba tlhalositse fa bangwe bana ba sa tlhole ba tsena sekole sentle ka lebaka la seemo sa sekole.
Banni ba ne ba supa ngongora mabapi le babereki ba mo malwapeng, ba re fa ba sena go amogela ga ba tlhokomele se ba se hiretsweng le ntswa puso e laola gore ba okelediwe madi.
Fa a araba, mopalamente o supile fa seemo sa metsi a a seng monate se tlaa baakanngwa mo nakong e khutshwane.
A re ba lephata la metsi ba mo thulaganyong ya go tsisa metsi go tswa Mahalapye mme tiro eo e tlaa dirwa ka bofefo e bo e atolosiwa le dikgaolo tse dingwe.
O tlhalositse fa go dira tanka e e tlhatswang metsi go tsere nako ka go ne ga nna le tiego ya dilo dingwe tse di neng di saletse kwa morago mme a supa fa ba kgonne go baakanya.
Rre Lesaso o supile fa dikoloi tse di neng di solofeditswe di tlaa goroga mo nakong e khutswane ka di setse di tsenyeditswe kopo.
Fa a tsibogela kgang ya babereki, o gakolotse bahiri le babereki go nna le tumalano ya mokwalo e e supang ditiro tsotlhe tse ba di dumalaneng le dikatso ba bo ba baya menwana go na le basupi go itsa dikgogakgogano.
Rre Lesaso o ne a rurifatsa fa a itse ka seemo sa sekole sa Mothamo, a supa fa a se lekotse bosheng.
A re sekole se segologolo e bile se makgasa.
O tlhalositse fa se na le bana ba le 800 mme se tshwanetse go neela bana ba le 300 fela boroko.
A re bana ba pitlagane e bile ba nna fa go sa nnang sentle teng.
O tlhalositse fa seemo sa sekole se tlaa baakangwa, a supa fa go tlaa okediwa matlwana a borutelo le a boroko.
O rotloeditse batsadi go gakolola bana go tlhokomela didirisiwa tsa sekole le dikago ka gore go senya bana, ditlamorago tsa tshenyo di bo di kokonela bone gape.
Fa a tswa la gagwe, leloko la komiti ya ditlhabololo kwa Moralane, Mme Lebogang Motadi o ne a kopa ba lephata la kabo ditsha go ba abela ditsha tsa bonno.
Mme Motadi o supile fa bontsi jwa batho ba sa kgone go bona thuso sentle kwa go ba boipelego ka gore ga ba na bonno.
O ne a kopa le gore ba agelwe matlo a babereki ba puso, segolo thata barutabana ka gore ga ba na boroko e bile ga go na matlo a ba ka a hirisang mo motseng.
Mme Lebogang o ne a tlhalosa fa bana ba na le dingwaga tse tharo ba sa fiwe paka ya sekole, mo go dirang gore ba tsene sekole ba sa lebege.
O tlhalositse fa bontsi jwa batsadi ba sa kgone go reka paka, ka jalo a kopa gore kgang eo e potlakelwe.
Fa a araba, modiri wa tsa ditlhabololo Rre Aleseng Diratsagae o tlhalositse fa a itse ka seemo sa paka ya bana, a supa fa ofisi ya gagwe e baakanya seemo seo.
Rre Diratsagae o solofeditse batsadi fa e tlaa re pele ga bana ba tswalela setlha sa ntlha ba bo ba filwe paka yotlhe. ENDS
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MOSOLOTSHANE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Jan 2024