Breaking News

Tautona Masisi o gomotsa ba lelapa loora Senthumoleng

15 Jan 2024

E ne ya re maabane Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o ne a ya go gomotsa ba lelapa la ga Rre Senthumoleng Senthumoleng, modiri wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona, kwa Moshupa.

Rre Senthumoleng o tlhokafetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le marataro.

Mo mafokong a gagwe a kgomotso, Dr Masisi o rotloeditse boora Senthumoleng go ikaega ka Modimo mo nakong e ya kutlobotlhoko, ka e le ene fela a ka ba sidilang maikutlo gore mewa ya bone e seka ya kotlomela.

O kgothaditse bana go sala ba tshwaragane le go tshela jaaka Rre Senthumoleng a ne a ka eletsa gore ba tshele ka boitumelo ba seka ba wela mewa.

Tautona Masisi o tlhalositse fa a berekile le Rre Senthumoleng ka lebaka pele ga a nna Tautona, go tswa fa e ne e le Tona mo Ofising ya Merero ya ga Tautona le Bodirela Puso.

“E ne a le motho yo o bonolo, yo o iketlileng, a le theetso le kutlo e bile a eletsega go ka bereka le ene,” Tautona Masisi a tlhalosa a bo a supa fa leso la ga Rre Senthumoleng le sa ama ba lelapa fela, puso le yone e latlhegetswe.

Moemedi wa lelapa, Rre Sebonego Barungwi o tlhalositse fa Rre Senthumoleng a tlhokafetse mo borokong.

A re ka letsatsi le a tlhokafetseng ka lone, o ne a ikaya a sa ikutlwe sentle mme a ya go rapama.

Rre Barungwi a re Rre Senthumoleng ga a ise a tlhole a tsoga morago ga moo.

Rre Senthumoleng o diretse maphata a puso ka go farologana, mme o tlhokafala a direla kwa Ofising ya Merero ya ga Tautona, mo go tsa phiro le tlhokomelo bodiredi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : MOSHUPA

Event : kgomotso

Date : 15 Jan 2024