Tlhaelo ya madi e dia ditlhabololo kwa Bobonong
15 Jan 2024
Tlhaelo ya madi kwa khanseleng ya Bobirwa e bakile melala ya ditlhabololo kwa Bobonong.
Mogolwane go tswa kwa khanseleng ya Bobirwa, Rre Kagiso Bishop o buile jalo a tsibogela dingongora tsa banni ba kgotla ya Serumola mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Taolo Lucas ka Laboraro.
Rre Bishop o tlhalositse fa ba ne ba kopile P200 million, go tsamaisa ditiro tsa khansele mme ka mabaka a itsholelo ba ne ba neelwa a a kwa tlase ga a ba neng ba a kopile.
A re mo nakong ya gompieno, khansele e tlhaelelwa ke madi a a fetang P40 million, ka jalo, se se raya gore letlhoko le tlaa tswelela fa seemo sa madi mo lefatsheng se ka tswelela se sa tokafale.
Rre Bishop o lekodisitse banni gore le fa go na le tlhaelo ya madi, ga ba a nna fela, ba tsweletse ka go dira maiteko a go gopa ditsela fa ba santse ba emetse madi a go di baakanya.
O tlhalositse fa katakata e santse e le kwa Mabolwe, Semolale le Gobojango mme e tlaa bo e boetse kwa Bobonong mo dibekeng tse pedi tse di tlang.
Rre Bishop o tlhalositse fa tsela e e tshwaraganyang Sefhophe le Bobonong e setse e le kgologolo mme e tlhoka gore e ka bo e setse e shafaditswe, jalo a supa gore le fa ba leka go thiba mahuti mo go yone, seo ga se dire pharologanyo epe.
E ne e rile go le pele mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong Bophirima, Rre Runet Badubi a lekodisa mopalamente fa seloko se se fitlhelwang kwa dikgotleng tsa Mabumahibidu le Malepane se dira gore ka nako ya dipula ditsela di bo di sa tsamaege.
A re tsela e tshwana le ya Mosalakwane e tlhoka go tsibogelwa ka bonako ka e tshwaraganya balemi le masimo a bone.
Rre Badubi o ne a lekodisa mopalamente fa metsi a gorogile kwa kgaolong ya Mosalakwane le fa ntlha e nngwe a sa goroga.
O kopile mopalamente go bua le ba Water Utilities go ba thusa ka tanka ya metsi go ba fokoletsa mosepele wa go latela metsi kgakala.
Rre Lucas o supile fa puso e sa tswa go oketsa dipalo tsa Ipeleng ka 10 000 lefatshe ka bophara, e dira se e lebile letlhoko la ditiro gore batho ba le mmalwa ba kgone go tsenya letsogo mme ba kgone go tsisa dijo mo lwapeng le fa go sa lekana.
A re go botlhokwa gore le letseno la madi le okediwe.
Koketso e, ke ya dikgwedi tse thataro, e simolotse ka Firikgong jaana mme e tlaa fela ka Seetebosigo.
Mabapi le letlhoko la madi kwa khanseleng, Rre Lucas o tlhalositse fa a itse ka seemo se mme a tshwaraganetse kgang e le bogogi jwa motse bo tshwana le dikgosi, makhanselara, dikomiti tsa ditlhabololo le badiri ba khansele, go bona gore ba ka tsibogela seemo se jang.
Rre Lucas a re go a itumedisa ka puso e ne ya tsaya tshwetso ya gore madi a ditlhabololo tsa kgaolo a dirisiwe go dira ditsela tsa mo motseng.
A re tsholofelo ke gore fa ba kgonang teng ba tlaa nna ba dira bontlha bongwe jwa tsone.
A re se se tshwenyang ke gore le dipalamo tsa setshaba ga di sa tlhole di isa batho kwa ba batlang go ya teng ka ntata ya ditsela tse di sa siamang.
Rre Lucas o kgothaditse batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, gore maduo a bonale.
O akgotse dikole tse dipotlana tsa Lepokole le Lentswelemoriti tse di pasitseng ka 100 per cent mo maduong a a sa tswang go gololwa a lokwalo lwa bosupa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SERUMOLA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jan 2024