Modukanele o lekola kgaolo ya gagwe
15 Jan 2024
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele a re Temo Letlotlo ke lenaneo le le santseng le le lesha, ka jalo thuto e tshwanetse e nne ntsi ka lone gore le nne mo ditlhaloganyong tsa balemi fela jaaka mananeo a mangwe a a simolotseng fela jaaka lone.
Rre Modukanele o buile jaana fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Lerala, Seolwane, Mosweu, Mokokwana, Maunatlala, Lesenepole, Malaka le Moremi bosheng.
O supile fa balemi ba tshwanetse go nna le tsholofelo e ntsi mo lenaneong la Temo Letlotlo ka puso e ne e le dira e na le maikaelelo a go thusa Batswana.
A re go na le bangwe ba ba buang dipuo tse di seng boammaaruri ka lenaneo la Temo Letlotlo, tse dingwe di tshosa balemi di tshwana le tse di supang fa balemi ba tlaa tsena mo toronkong fa ba ka ikwadisetsa lenaneo leo.
O boletse fa bangwe ba batho ba ba buang dipuo tseo ba ikwadiseditse lenaneo e bile ba setse ba lemile, a supa fa setshaba se tshwanetse go kgathologa dipuo tseo ka di tlaa ba kgoreletsa go lema.
Rre Modukanele a re ntswa mo nakong eno bangwe ba santse ba tsietsega ba sa tlhaloganye dilo dingwe ka lenaneo la Temo Letlotlo, ba tshwanetse gore ba seka ba ipona tsapa mme ba botse kana ba kope thuso fa ba sa tlhaloganyeng teng.
Ka jalo o ne a kopa banni ba kgaolo ya gagwe go kgathologa dipuo tse di se nang boammaruri ka lenaneo la Temo Letlotlo mme ba le ikwadisetse gore ba kgone go lema.
Ntswa balemi bangwe ba ne ba supa fa ba bone dithuso tsa go ikwaditsetsa Temo Letlotlo go le thari, Rre Modukanele o ne a ba gakolola go tswelela ba ikwadisa mme e tlaa re go ntse go tsweletse sengwe le sengwe se siame ka e le gone le simologang.
A re lenaneo lengwe le lengwe le simolola le na le dingwe tse di sa tlhatswegeng sentle mme e re go tsweletse go tlhaloganngwe gore le ya kae.
O ne a ba rotloetsa go dirisa mananeo a puso.
Mo go tse dingwe, Rre Modukanele o tlhalositse fa puso e ne ya lemoga fa leuba le santse le tsweletse mme ga okediwa dipalo tsa Ipelegeng ka 10 000 lefatshe ka bophara. Koketso e, ke ya dikgwedi tse thataro, e simolotse ka Firikgong jaana mme e tlaa fela ka Seetebosigo.
O ne gape a itsese banni fa puso e ne ya sekegela tsebe selelo sa Batswana gore go sekasekwe molao o o itebagantseng le go letela tsheko kwa ntle ga mmelaelwa.
A re palamente e e sa tswang go feta e ne ya gagamatsa dingwe mo molaong o o itebagantseng le go letela tsheko kwa ntle gore go seka ga nna motlhofo gore mmelaelwa wa melato e e tshwenyang Batswana e tshwana le ya dipolao tsa batho, go thubetsa le bogodu jwa leruo a letele tsheko a le kwa ntle.
A re Batswana ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke gore mmelaelwa o ne a tshwarwa mme e re a sena go tshwarwa jalo a bonwe a setse a letetse tsheko kwa ntle go ise go ye kae ntswa molao wa lefatshe leno o supa fa motho e se modira molato go fitlhelela lekgotla la ditsheko le mmona molato.
A re palamente e ne gape ya fetisa molao o mongwe o o itebagantseng le go gweba ka batho mo go setseng go tshwenya.
A re palamente e ne ya gagamatsa dikotlhao mo go ba ba dirang molato oo wa go gweba ka batho.
Banni ba metse ya Lerala/Maunatlala ba ne ba kopa ba kabo ya ditsha go ba baya ditsha, ba supa fa ba na le dingwaga di le dintsi ba solofediwa gore ba tlaa bewa mme nako kgolo ke eno.
Ba ne ba supa fa letlhoko la ditsha le ba lotlhanya ka ba nna ba le bantsi mo malwapeng mo ba felelang ba nna le diphapang.
Bangwe ba ne ba bolela fa ba setse ba fetile dingwaga tsa go nna mo malwapeng a batsadi, ka jalo ba tshwanetse go fiwa ditsha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MAUNATLALA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Jan 2024