Breaking News

Katlego ya Temo Letlotlo ke maikarabelo a botlhe - Kwape

14 Jan 2024

Mopalemente wa Kanye Borwa, Dr Lemogang Kwape o rotloeditse banni ba kgotla yoo Sekokotla mo kgaolong eo go tsaya boikarabelo mo lenaneong la Temo Letlotlo.

Dr Kwape o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla bosheng, a tlhalosa fa e le maikarabelo a mongwe le mongwe go itse ka fa lenaneo leo le dirisiwa ka teng gore le ba tswele mosola.

O boletse fa go le botlhokwa go tlhokomela le go babalela dithuso le didirisiwa tsotlhe tse ba di filweng.

O ne a ba kgothatsa go atolosa dikitso tsa bone le go ipalela ditsetlana tsa Temo Letlotlo ka gore di kwadilwe ka Setswana le ya Sekgoa.

Dr Kwape o supile fa go le botlhokwa gore banni ba kwadise didirisiwa le dikgwebo tsa bone gore le bone ba kgone go gola le go di atolose.

Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a akgola batsadi le barutabana ba kgaolo ya Kanye Borwa mo tirong e ba dirang gore bana ba bone ba ntshe maduo a a botoka mo ditlhatlhobong.

O supile fa maduo a bana a tokafetse thata mo ngwageng ono le o o fetileng, mme a kopa batsadi le barutabana go tswelela ka go dirisanya le go ema bana ba bone nokeng.

O gateletse gore thuto ke yone peeletso ya konokono e bile ga e fele, ka jalo Batswana ba tshwanetse go beeletsa mo thutong ya bana.

Dr Kwape o ne gape a kopa batsadi go ruta bana go itirela, a re ba seka ba direlwa sengwe le sengwe ka se se ka ba diela go itirela matshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : KANYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jan 2024