Puso e tlaa aga terata e e laolang metsamao ya leruo
14 Jan 2024
Tona wa temo-thuo, Rre Fidelis Molao a re puso e ikaelela go aga terata e e laolang metsamao ya leruo kwa kgaolong ya Barolong.
O buile mafoko a fa a ne a kopane le bogogi jwa metse yotlhe e e gaufi le molelwane wa lefatshe leno le la Afrika Borwa ka Laboraro kwa polaseng ya kgwediso ka seatla ya Ramatlabama.
Se se tla morago ga gore bosheng lefatshe la Afrika Borwa le bolele fa go na le bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya lone ya Bokone Bophira.
Tona Molao a re go botlhokwa gore puso le Batswana ka kakaretso ba netefatse gore bolwetse ga bo jwelelele mo Botswana.
O tlhaloseditse bogogi jwa metse eo gore itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka thekiso ya nama.
A re ke ka moo go leng botlhokwa gore kgaolo eo e seka ya iphitlhela e emisitswe go rekisa nama ka ntata ya bolwetse.
O kopile bogogi gore ba tsee bolwetse jwa tlhako le molomo jaaka segajaja sa COVID-19 ka bo ka ama matshelo le itsholelo ya lefatshe thata.
“Terata e e tlaa agwang ga se ya molelwane, ke e e laolang metsamao ya leruo fela ka gore mo nakong eno diruiwa tsa mafatshe oo mabedi di kopana motlhofo mme seo ga sea re siamela.”
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Morota Tiro wa Mabule o gateletse mafoko a ga tona gore e re le ntswa go na le letshwenyego la gore diruiwa di a go nwa kae ka di ntse di enwa mo molapong, go botlhokwa gore go berekelwe mo nakong seemo se ise se tswe mo taolong.
“Go sokola ka metsi a diruiwa ga go tshwane le fa bolwetsi bo tsena di bo di bolawa tsotlhe.”
Bangwe ba ne ba ngongorega ka go tlhoka therisanyo e e tseneletseng mabapi le tshwetso eo ya terata, mme ba lemotshiwa fa ditshwetso dingwe di tlama go potlakelwa.
Bokopano bo fedile ka tumalano ya gore bogogi bo ye go rotloetsa setshaba go netefatsa gore diruiwa di a tlhokomelwa terata le yone ga e senngwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : RAMATLABAMA
Event : Bokopano
Date : 14 Jan 2024