Lebelo la FNB Kazungula Bridge Marathon le a simolola
14 Jan 2024
Batabogi ba lefatshe leno ka bophara ba ngokilwe go tsenelela kgaisano ya lebelo la mokatakata la FNB Kazungla Bridge Marathon le le tlaa tabogwang kgwedi e e tlang e le masome babedi le bone.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA mo Gaborone, morago ga ikatiso ya go ipaakanyetsa lebelo leo ka Matlhatso, mookamedi wa lebelo, Rre Obert Morgan a re o eletsa go bona lebelo la FNBKBM e nna nngwe ya dikgaisanyo tsa mafatshefatshe tse lefatshe leno le ka ipelang ka tsone.
Ka jalo o ne a kopa Batswana gore ba seka ba salela kwa morago ba inaakanye le go itlhokotsa le go itshidila mebele, ba tsenelele dikgaisanyo tseo, tse di lekang go tsosolosa itsholelo ya lefatshe leno ka bojanala.
Rre Morgan o lebogetse Batswana ba ba neng ba itlhokoditse mo mosong, go tsenelela ikatiso ya lebelo leo mono Gaborone.
“Batswana ba ne le tsile ka mmetela, mme moo ke sesupo sa gore ba amogeka lebelo ka atla tsoo pedi,” a tlhalosa.
Rre Morgan a re ke sesupo sa go eletsa go godisa motshameko wa mabelo mo lefatsheng leno.
Ka moo o kopile dikhmphani tsa Botswana go rotloetsa lebelo le, a re gore go seka ga thaela gope, ke fa go ka nna le thotloetso.
A re thotloetso e ka ama Motswana gore le ene a rotloetsege ka go taboga e le nngwe ya ditsela tsa go itshidila mmele go nna le botsogo jo bo kwenneng.
Kgaisanyo e tlaa tshwarelwa kwa kgaolong ya Chobe kwa Kasane.
Rre Morgan o tlhalositse fa ba solofetse batabogi go tswa mo mafatsheng a a bapileng le la Botswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 14 Jan 2024