Seemo sa sekole ke mangomo
14 Jan 2024
Makhanselara a kgaolo ya Letlhakeng a kopile modulasetilo wa bone, go ba laleletsa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, go etela sekole sa Lempu.
Ba kopile jalo morago ga pego ya seemo sa dikago tsa bonno jwa baithuti ba sekole se segolwane sa Lempu e e neng e tla ka mothusa molaodi wa kgaolo, Mme Oabona Kalwetse
Mme Kalwetse o tlhalositse gore dikago ka bontsi ga di na ditswalo le difensetere ka bontsi di thubegile.
Mo godimo ga moo, tlhaelo ya malao le materase le yone ke kgwetlho e e seng kana ka sepe.
Fa a begela khansele ya Letlhakeng dikgwetlho tse di lebaneng bonno jwa baithuti kwa sekolong seo, ntswa basetsana ba le 384, malao a bone a 210 fa materase a le 150.
Se se bo se raya gore go na le tlhaelo ya malao a le 174, fa go na le tlhaelo ya materase a le 234.
A re le ntswa baithuti ba basimane ba le 340, malao a bone a 208, ka jalo go na le tlhaelo ya malao a le 132.
A re go na le materase a le 52 fela, go bo go raya gore go tlhaela materase a le 288.
Mme Kalwetse a re bana ba robala mo legoeleleng ka bontsi jwa dikago tseo di sena mabati e bile matlhabaphefo a thubegile ka bontsi.
O ne a tlatsa ka go re dikago tse pedi kgotsa tharo ke tsone fela di nang le mabati.
Fa ba tsibogela pego eo, Makhansela ba ne ba supa fa go swabisa gore bana ba itlhele seemo se se ngomolang pelo ntswa go na le batho ba ba filweng boikarabelo jwa go tsamaisa sekole.
Mokhansela wa Motokwe, Rre Malaki Maphale, a re seemo se, se a hutsafatsa e bile ke mathabisa ditlhong ka se baya bana mo diphatseng.
Mokhanselara Maphale o kgaletse batho ba ba filweng boikarabelo jwa go tsamaisa dikole go tlhoka go tsibogela seemo se.
Mokhansela wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane, le ene o kgadile boeteledipele jwa thuto ka seemo se.
O tlhalositse gore e rile go amogela pego ka seemo se go tswa mo batsading, a rwala ditlhako go ya go bona mme mogokgo wa sekole a mo kganela go ya kwa bonnong jwa baithuti.
A re mogokgo o ne a mo tlhalosetsa gore seemo ga se maswe jaaka se buiwa.
Rre Sebutlenyane le ene o ne supa fa seemo se baya tshireletsego le botsogo jwa bana mo diphatseng.
“Bana ba robala mo ditshiping ka go sena materase,” a supa matshwenyego.
O ne a kopa modulasetilo wa khansele go laletsa tona wa thuto le tlhabololo dikitso go tla go tlhodumela seemo se.
A re go tshwanetse ga dirwa theko ya potlako go thusa baithuti ka ponyo ya leitlho.
Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng, Rre Anderson Mathiba, o ne a tlhomamisetsa khansele gore tona wa thuto le tlhabololo dikitso o ne a solofetswe go etela sekole seo ka Labotlhano.
Modulasetilo Mathiba a re e le mapolotiki, ba na le boikarabelo jwa go netefatsa gore dilo di dirwa sentle le ka boikarebelo.
A re therisanyo le tirsisanyo mmogo magareng ga bone le badirelapuso e ka aga lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : LETLHAKENG
Event : pego
Date : 14 Jan 2024