Breaking News

Ba Shoshong ba tlaa agelwa kokelo

14 Jan 2024

Selelo sa banni ba Shoshong sa go agelwa kokelo e kgolwane se tlaa fela ka jaana kokelo eo e tlaa agwa mo ngwageng wa madi wa 2024/2025.

Kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o boleletse banni fa kokelo eo e solofetswe gore e be e fedile ka 2026.

Rre Lesaso o boletse fa khampani e le mo dikgatong tsa bofelo tsa go ipaakanyetsa go simolola tiro ka jaana e setse e bontshitswe setsha.

Se se tla morago ga gore banni ba bo ba ne ba tsweletse ka go kopa go agelwa kokelo e kgolwane ka jaana dipalo tsa bone di oketsegile e bile dikokelwana di sa tlhole di kgona go ba thusa sentle ka gape di thusa le metse e mengwe ya kgaolo.

Mo go tse dingwe, Rre Lesaso o ne a supa fa seemo sa metsi mo motseng se tlaa tokafala, a re Water Utilities Corporation e solofeditse fa e tlaa tsenya phaephe e e tlaa bong e tsaya metsi kwa Mahalapye e a isa Shoshong a bo a phatlaladiwa le kgaolo yotlhe, a tlatsa ka go re tiro eo e tlaa simolola ka Seetebosigo kgotsa Phukwi.

Rre Lesaso o ne a supa fa a tshwenngwa ke seemo sa thuto se se welang tlase mo kgaolong.

O ne a rotloetsa batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana, go ba tlhokomela le go ba kgothatsa go tsaya dithuto tsa bone ka tlhoafalo.

A re thuto ya bana e ka seke e ye gope go se na tshwaragano ya batsadi, bana le barutabana, a supa fa tirisanyo mmogo e le yone e e ka thusang go tsosolosa maduo a a tswelelang ka go wela tlase mo dikoleng.

O ne a kopa gore go nne le lorato le bo pelotlhomogi mo baneng, a re se se ka ba nonotsha le go ntsha mowa wa go ineela mo go bone.

Mo go la gagwe, mothusa mogakolodi wa lenaneo la Temo Letlotlo, Rre Oratile Monthe lenaneo leo le rotloetsa go fetola ka fa temo e ntseng e dirwa ka teng e bile le rotloetsa go ntsha dijo tse di ka rekisiwang gore balemi ba dire letseno.

O ne a sedimosetsa morafe ka melawana ya Temo Letlotlo, a tlhalosa fa tema nngwe le nngwe e ba tlaa bong ba e lemile e na le dikgetsi tse pedi tsa monontshane, e bile molemi mongwe le mongwe a tlaa lemelwa ditema di le nne.

A re sejalo ke setshedi, ka jalo se tshwanetse sa tlhokomelwa le go fiwa menontshane gore se gole sentle gore molemi le ene a boelwe.

O boletse fa balemi ba tlaa thusiwa ka madi a go hira didirisiwa tse di tlaa ba thusang go lema ka fa tshwanelong, a supa fa go na le thuso ya go tlhagolelwa le go robelwa.

O ne a kopa balemi go ikgolaganya le balemisi go tsaya dintlha le dithuso tsotlhe tse di tlhokafalang ka lenaneo leo.

Banni ba ne ba kopa go tsenyediwa dipone tsa mo mekgwatheng ka gore ba setse ba tlhaselwa ke magodu ntateng ya lefifi. Ba ne gape ba rotloetsana go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo ka jaana e le tsela nngwe ya go thusa go tsisa ditlhabololo mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jan 2024