Breaking News

Tlhaelo ya madi e baka tiego ya ditlhabololo

11 Jan 2024

Tlhaelo ya madi kwa khanseleng ya Bobirwa e bakile melala ya dilhabololo kwa Bobonong. 

Se se boletswe ke mogolwane wa khansele ya Bobirwa, Rre Kagiso Bishop jaaka a ne a tsibogela dingongorego tsa banni ba kgotla ya Serumola mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Taolo Lucas ka Laboraro. 

Rre Bishop o tlhalositse fa ba ne ba kopile P200 million, go tsamaisa ditiro tsa khansele mme ka mabaka a itsholelo ba ne ba neelwa a a kwa tlase ga a ba neng ba a kopile. 

A re mo nakong ya gompieno, khansele e tlhaelelwa ke madi a a hetang P40 million ka jalo letlhoko le tlaa tswelela fa seemo sa madi mo lefatsheng se sa tokafale.

Rre Bishop o tlhaloseditse banni gore ga ba a nna fela, mme ba tsweletse ka go gopa ditsela fa ba santse ba emetse madi a go di baakanya. 

O tlhalositse fa katakata e santse e le kwa metseng ya Mabolwe, Semolale le Gobojango mme e tlaabo e boetse kwa Bobonong mo dibekeng tse pedi tse di tlang. 

Rre Bishop o tlhalositse fa tsela e e tshwaraganyang Sefhophe le Bobonong e setse e le kgologolo mme e tlhoka gore e ka bo e setse e shafaditswe, a supa gore le fa ba leka go thiba mahuti mo go yone, seo ga se dire pharologanyo epe. 

E ne e rile go le pele mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong Bophirima, Rre Runet Badubi a lekodisa mopalamente fa seloko se se fitlhelwang kwa dikgotleng tsa Mabumahibidu le Malepane se dira gore ka nako ya dipula ditsela di bo di sa tsamaege.

A re tsela ya Mosalakwane e tlhoka go tsibogelwa ka balemi ba e dirisa go ya kwa masimong a bone. 

Rre Badubi o ne a lekodisa mopalamente fa metsi a gorogile kwa kgaolong ya Mosalakwane le fa bontlha bongwe a sa goroga. 

O kopile mopalamente go bua le ba khamphani ya Water Utilities go ba thusa ka tanka ya metsi ka se se ka ba fokoletsa mosepele wa go latela metsi kgakala. 

Rre Lucas o supile fa puso e sa tswa go oketsa dipalo tsa Ipeleng ka 1 000 lefatshe ka bophara, e dira se e lebile letlhoko la ditiro gore batho ba le mmalwa ba kgone go tsenya letsogo mme ba kgone go tsisa dijo mo malwapeng le fa go sa lekana. 

A re go botlhokwa gore le letseno la madi le okediwe. 

Mabapi le letlhoko la madi kwa khanseleng, Rre Lucas o tlhalositse fa a itse ka seemo se mme a tshwaraganetse kgang e le bogogi jwa motse bo akaretsa dikgosi, makhanselara, dikomiti tsa ditlhabololo le ba khansele, go bona gore ba ka tsibogela seemo se jang. 

Rre Lucas a re go a itumedisa ka puso e ne ya tsaya tshwetso ya gore madi a ditlhabololo tsa kgaolo a dirisiwe go dira ditsela tsa mo motseng. 

A re se se tshwenyang ke gore le dipalamo tsa setshaba ga di sa tlhole di isa batho kwa ba batlang go ya teng ka ntata ya ditsela tse di sa siamang. 

Rre Lucas o kgothaditse batsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana, gore maduo a mantle a bonale. 

O akgotse dikole tse dipotlana tsa Lepokole le Lentswelemoriti tse di boneng 100 per cent mo maduong a a sa tswang go gololwa a lokwalo lwa bosupa. Bokhutlo

Source : bopa

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Bobonong

Event : Kgotla meeting

Date : 11 Jan 2024