Mogokgo o rotloetsa tirisanyo mmogo
11 Jan 2024
Go tsaya boikarabelo ga batsadi le go nna le seabe ka go tshwaragana le barutabana mo dithutong tsa bana ba bone go ka thusa go tokokafatsa maduo mo sekoleng.
Se se builwe ke mogokgo wa Tsabong Unified Secondary School (TUSS), Rre Kabelo Mosenke fa a amogela baithuti ba mophato wa ntlha mo sekoleng seo.
O supile fa batsadi bangwe ba phuaganya bana mo diatleng tsa barutabana, selo se a supileng fa se sa amogelesege.
Mogokgo o ne a re monongwaga ba amogetse baithuti ba le makgolo a mane le masome a mararo ba mophato wa ntlha, mme mo palong eo ba ba tsereng letshwao lwa A le B ba le lekgolo le masome a mararo le bosupa, a bolela fa seo se ba fa tsholofelo ya maduo aa botoka.
Rre Mosenke o ne a tlhalosa fa sekole seo se se butsweng dikgoro ka 2017 se ngomola pelo ka maduo aa kwa tlase bogolo jang a mophato wa botlhano ngwaga le ngwaga, lebaka e le go tlhoka go goga mmogo ga batsadi le barutabana.
O kgadile a sa kgwe mathe, batsadi bangwe ba ba itlhokomolositseng bana ka go tlhoka go ba tlhokomela le go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaaafalo mo ba felelang ba inaakanya le majalwa, selo se se felelang se ba senyetsa bokamoso.
A re ka ntateng ya go itlhokomolosa bana ga batsadi bangwe, baithuti ba felela ba nna kwa marekisetsong a majalwa le gone go inaakanya le metsoko le ditagi di akaretsa Cat, metokwane le tse dingwe tsa botlhoka-tsebe.
O boletse fa go na le ditlhotswana mo sekoleng tsa baithuti ba ba nnang mo sekoleng le ba ba nnang kwa ntle ba ba tshwaraganetseng borukutlhi jwa go tlisa majalwa le ditagi mo sekoleng ka bokukuntshwane,a tlatsa ka gore ba emetse seemo seo ka dinao ka tshwaragano le mapodisi.
E re ka jaana letsatsi la dikole di bulwa e ne e le letsatsi la go amogela mophato wa ntlha mo sekoleng seo Rre Mosenke o boletse fa maikaelelo e le go ba aga le go ba bopa, ka ba simolola loeto le lengwe la botshelo go tsweledisa dithuto tsa bone, le gone go ba tlhalosetsa ka melawana e ba tshwanetseng go e sala morago ya sekole.
O ne a ikuela mo batsading le mo barutabaneng go tshwaraganela bana ka go bereka le go goga mmogo le komiti ya PTA gore mophato oo o nne sekao mo go fetogeng ga maduo.
O ne a supa fa baithuti bangwe ba sekole seo ba inaakantse le ditiro tsa botlhoka-tsebe di akaretsa go nwa majalwa, go goga metsoko,bogodu, dintwa, le go thoba mo sekoleng gareng ga tse dingwe.
A re o tshwenngwa ke batsadi bangwe ba ba kopang bana ba ba nnang mo sekoleng go ya ditirong tsa kwa malwapeng di tshwana le manyalo, meletlo ya bokopano jwa masika, meletelo ya dikereke le tse dingwe, a re se se itaya bana tsebe.
E re ka jaana go na le tlhaelo ya dibuka mo sekoleng Rre Mosenke o ne a kgothatsa batsadi go tshwaragana le puso mo dithutong tsa bana go tlhomamisa gore bana ba bone ba akola dithuto ka fa go tshwanetseng ka teng ka go ba rekela dibuka go tsweledisa dithuto.
Rre Mosenke o boletse fa ditiro tsa botlhoka-tsebe tse di dirwang ke bana bangwe mo sekoleng seo di tlogetse dingwe tsa matlo a borutelo a le mo seemong se se sa itumediseng.
O kopile batsadi go duela madi a a thapang badiri ba nakwana ba ba phepafatsang matlo a boithomelo le a ditlhabololo ka e le one a ka thusang mo dipaakanyong.
Mme Onalenna Dimpanyane motlhokomedi wa baithuti ba ba nnang mo sekolong o ne a supa fa tiro ya bone e le go tlhomamisa tshireletsego le tlhokomelelo ya bana mo sekoleng seo le gone go ba ruta go farologanya botshelo jwa mo sekoleng le kwa gae.
A re le fa ba leka ka bojotlhe gore botshelo bo nne motlhofo mo baithuting, se se swabisang ke maduo aa kwa tlase mo dithutong fa go tshwantshwanngwa ba ba nnang kwa ntle.
Constable Lesego Villander go tswa mo lekalaneng la sepodisi la Gender and Child Protection Unit o supile fa le bone e le mapodisi ba sa jesiwe diwelang ke borukutlhi jo bo dirwang ke baithuti mo sekoleng seo.
O ne a gwetlha batsadi go ema ka dinao mme ba tshwaragane le barutabana, mapodisi le bogogi jwa motse go lwantsha bogolo jang ditagi mo sekoleng.
O kgadile mokgwa wa batsadi bangwe wa gore bana ba ba paletse, mme ba tsee boikarabelo le gone go kgalemela bana go ba tsenya mo tseleng.
Consatable Villander o ne a gakolola batsadi go phuruphutsha dibeke tsa bana go tlhola tse di borai tse di sa letleleseng mo sekoleng, a supa fa baithuti bangwe ba iphitlha mo sekgweng ba goga metsoko ka nako ya sekole.
Mme Masego Kgomotso go tswa mo khanseleng ya Tsabong mo lekalaneng la boipelego are batsadi bangwe ba iphitlha ka monwana go kgalemela bana go ba tsenya mo tseleng ka ba re ‘bana ba na le ditshwanelo’.
O ne a tlhalosa fa section 14 le 27 ya Children Act e letla batsadi go tsaya boikarabelo ka go aga le go bopa ngwana go mo tsenya mo tseleng.
O gakolotse batsadi go itsaya motlhala ka fa ba godisang bana ka teng, mme ba ipaakanye, a supa fa bana ba tlogetswe go tshela botshelo jwa maranayane jwa TV le mesokela tsebeng mme ba felele ba kopa tse di sa letlelesegeng tse di felelang di ba gogela mo thaelong.
A re go gatisitswe dikgang tsa bana ba ba tlhakanelang dikobo ba le kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi di le masome a ferabobedi le borataro mme sekole sa TUSS se di goga kwa pele, a supa fa ba tshwenngwa gape ke go imisiwa ga bana ke banna kwa motseng.
Mo mafokong a gagwe a tebogo mongwe wa barutabana Rre Mazwi Mapange o ne a kgothatsa batsadi go etela sekole go tlhola ditiro tsa bana ba bone le gone go tshwaragana le puso ka didirisiwa tse di tlhokafalang mo sekoleng go thusa go tsweledisa dithuto.
A re maitemogelo a bone a supa fa basimane ba sa kgatlhegele dithuto mme ba inaakanya thata le tsa botlhoka tsebe fa ba tshwantshwanngwa le basetsanayana. Bokhutlo
Source : bopa
Author : Catherine Simane
Location : TSABONG
Event : meeting
Date : 11 Jan 2024