Breaking News

Banni ba Lerala ba lebogela ditlhabololo

11 Jan 2024

Kgosi Sello Moroka wa Lerala o lebogetse puso go bo e ne ya tsibogela kopo ya go agelwa kokelo. 

O ne a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Sethabelo Modukanele kwa Lerala ka Labobedi. 

Kgosi Moroka a re ba ba thapilweng go aga kokelo ba setse ba itshupile e bile ba setse ba kaetswe setsha. 

Ka jalo a re ba na le tsholofelo ya gore e tlaa re mo nakong e khutshwane, tiro e bo e simolololwa. 

O supile fa kokelo e tlaa nna le malao a le 53 le matlo a boroko jwa baoki a le 105. A re banni ba ne ba sale ba kopa kokelo e bile ba setse ba e tlhoboga . 

O ne a lebogela gape gore tona wa tsa itshireletso, Rre Kagiso Mmusi o ne a tla kwa Lerala mme a supa fa mo diofising tse di tlaa agwang tsa sepodisi tse 29 lefatshe ka bophara, Lerala a tlaa akaradiwa. 

Kgosi Moroka o ne gape a lebogela puso boremelelo jwa ditirelo, a supa fa le jone bo ne bo sa robatse banni ba Lerala. 

A re kago eo go bonetse fa e tlaa bo e feditswe go agwa Herikgong a ya fifing. 

A re o na le tumelo ya gore e tlaa re kago e simolola go dirisiwa ka e tlaabo e na le bodiredi jo bo farologaneng, e tlaa thusa metse e e mabapi ka ditirelo di tshwana le go dira Omang le setlankana sa matsalo tse di ntseng di dirwa kwa Palapye. 

Kgosi Moroka o ne a rotloetsa banni go ikwadisetsa ditlhopho, a supa fa e le boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga di 18 go ya kwa godimo.  

A re bangwe ba batho ba ba sa tseeng tshwetso e e mabela ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba, ba na le mokgwa wa go ngongoregela dilo dingwe ntswa ba ne ba seka ba supa boikarabelo jwa go tlhopha moemedi yo ba mmatlang. 

O kopile batsadi go rotloetsa bana go ikwadisetsa ditlhopho. 

Kgosi Moroka o ne a supa matshwenyego ka borukutlhi jo bo diragalang mo motseng, bo dirwa ke bana ba dingwaga tse di kwa tlase mme bo rotloediwa ke ka fa batsadi ba godisang bana ka teng. 

O kopile mapodisi go gagamatsa ka fa ba dirang ka teng go lwantsha borukutlhi mo motseng a ba a supa fa banni ba sa tshwanela  go tlhorontshiwa ke palonyana ya setlhopha sa banana ba ba tlhokang tsebe. 

O supile fa malwapa mangwe a tsweletse ka go bipa mpa ka mabele fa ba bangwe ba kgona go dira molato e le lelwapa lotlhe. 

Kgosi Moroka o ne gape a supa fa a tshwenngwa ke madirelo a a rekisang nnotagi mo motseng a a tsweletseng ka go tsosa modumo le go bula ka dinako tse di sa letlelelweng.

A re madirelo ao a tshwanetse a tseelwe dikgato. 

Kgosi Moroka a re bangwe ba ba neng ba dumalana le gore ba sutele go gola ga motse ka go neela ba lekgotla la kabo ditsha masimo mo nakong eno ba fetogile batlhoki ka ba ise ba fiwe masimo a masha. 

A re kgang eo e na le sebaka e tsweletse e bile e buiwa ngwaga le ngwaga gore ba kabo ditsha ba neele banni bao masimo mme go a pala. 

A re seo se tlaa dira gore banni ba bangwe ba gane ka masimo fa ba kopiwa go sutela ditlhabololo.  

A re bangwe ba setse ba kopa go lema mo masimong a ba bangwe ntateng ya tiego e, mme seemo seo se ngomola pelo. 

O ne a kopa ba kabo ditsha go tsibogela kgang ya go ba abela masimo. 

Mopalamente Modukanele o supile fa palamente e fetisitse molao wa go emela tsheko kwa ntle ga badira melato mme jaanong go gagamaditswe gore yo o tshegeditsweng e le mmelaelwa go seka ga nna motlhofo gore a letele tsheko a le kwa ntle. 

A re Batswana ba ne ba lela e bile ba utlwisiwa botlhoko ke gore babelaelwa mo melatong e tshwana le ya dipolao, go itseela dikobo ka dikgoka kana bogodu jwa leruo, go ne go le motlhofo gore ba letlelelwe go letela tsheko kwa ntle. 

Rre Modukanele a re mo molaong o, yo o diretsweng molato le ene fa go kgonagala o ka bua gore ke eng a sa dumalane le gore mmelaelwa o ka letela tsheko kwa ntle. 

A re o mongwe molao o o fetisitsweng ke o o itebagantseng le go gweba ka batho mme mo go one, go ne go gagamadiwa dikatlholo tse di ntseng di le teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Lerala

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 11 Jan 2024