Ba Gumare ba itumelela molao-kakanyetso
11 Jan 2024
Banni ba Gumare ba lebogetse molao-kakanyetso wa go fetolwa ga ditsetlana tsa molao wa lefatshe la morafe tsa 2022.
Ba supile jalo mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Gumare ka Labobedi.
Phuthego e, e ne e tsenwe ke bana-le-seabe mme bo rulagantswe ke ba Lekgotlana la Kabo Ditsha la Gumare.
Fa a bua kwa bokopanong joo, Mokhanselara wa Gumare-Tubu South, Rre Keobinetse Matenanga o ne a re diphetogo tse di tsisitsweng ke phetogo ya melawana ya lefatshe tsa 2022 di ne tsa tsisa ketsaetsego mo setshabeng, bogolo jang tse di amang ditlhwatlhwa tsa ditirelo dingwe.
Ka jalo, Rre Matenanga o ne a re o leboga ba lephata la kabo ditsha le puso go bo gompieno go dirwa therisanyo le setshaba pele fa go ka fetolwa melawana eo.
A re ba itumelela molao- kakanyetso wa gore madi a go fetolela setsha mo go yo mongwe a fokodiwa go tswa kwa go P3 000 go ya kwa go P1 000. A re diphetogo tseo ekare di ka dirwa ka bofefo.
Banni ba Gumare ba ne ba kopa gore go fokodiwe ditlhwatlhwa di tshwana le go thusiwa ka mekono e e sa bonaleng le go thusiwa ka ditlankana tse di latlhegileng.
Le fa gontse jalo, ba ne ba re ditlhwatlhwa dingwe tse di mo molao-kakanyetsong di siame jaaka madi a go batla setsha sa kgwebo le sa bonno.
Banni ba ne gape ba re go seka ga nna le dituelo tsa ngwaga le ngwaga tsa ditsha tsa bonno tsa beng-gae jaaka molao kakanyetso o eletsa.
Modulasetilo wa Lekgotlana la Kabo Ditsha la Gumare, Mme Esther Ditshego a re maikaelelo a bokopano joo ke go tsaya megopolo mo setshabeng.
A re e ne ya re morago ga diphetogo tsa ditlhwatlhwa ka molawana wa 2022 ga nna le dingongora mo setshabeng, ka jalo ba rerisanya le setshaba ka molao-kakanyetso wa monongwaga. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 11 Jan 2024